Breaking News

Kagiso e tlhoka go nosediwa

27 Dec 2018

Mothusa Tautona Slumber Tsogwane a re go tlhopha go botlhokwa mo lenaneong la ditlhabololo le go sireletsa kagiso.

Ke sone se a reng go a tshwenya go bona Batswana ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba ngwaga o o tlang. 

O buile se bosheng fa a etetse kgaolo ya gagwe ya botlhophi ya Boteti Bophirima go abela bana ba batlhoki le masiela dimpho ka letsatsi la botsalo jwa Morena. 

“Sireletsang kagiso le thitibalo tse di renang mo lefatsheng le ka go tsaya karolo mo ditlhophong,” a gatelela.

Rre Tsogwane a re o gakgamadiwa ke go bona bangwe ba itlhokomolosa tsamaiso ya ditlhopho, a tlatsa ka gore “tlhopho ke selo sa botlhokwa. Puso e e tsamaisang lefatshe e tsenngwa ka ditlhopho, dibelang kagiso e mo lefatsheng le, ka tlhopho.” 

O tsweletse a gakolola ka botlhokwa jwa go tsena mo ditlhophong ka kagiso le popagano. 

Rre Tsogwane a re thulaganyo ya go baakanyetsa ditlhopho e turu, ka jalo go botlhokwa gore ditlamelo tse di ntshitsweng di dirisiwe ka botlalo. 

A re e re ka dipalo tsa ba ba setseng ba ikwadisitse di le kwa tlase, puso e bonye go tshwanela go oketsa nako ya go ikwadisa, ka jalo a kopa Batswana go dirisa sebaka se go diragatsa tshwanelo ya bone.

Rre Tsogwane a re puso ya batho ka batho e tlhoka boitshoko le boineelo, a tlatsa ka gore “lefatshe le dibelwa ke beng ba lone, ka  jalo dirisang tlhopho go sireletsa puso ya batho ka batho”. 

A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o rotloetsa tsotlhe tse di sireletsang puso ya batho ka batho le go sala molao motheo morago.

Mothusa Tautona o ne a akgolela  banni ba metse ya Boteti Bophirima go tlotla boeteledipele, a re seo ba se supa ka go tswelela ba agela mafoko a kgosi mosako ka go tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang. 

O ba kopile go ruta bana go itse botlhokwa jwa kgotla mo pusong, a tlatsa ka gore therisano ya ditlhabololo le melao e direlwa kwa kgotleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : RAKOPS

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 27 Dec 2018