Banni ba kgaolo ya Nkange ba lela ka tsela
27 Dec 2018
Banni ba kgaolo ya Nkange ba lela ka tsela e e tshwaraganyang metse ya Tutume le Maitengwe.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo diphuthegong tsa dikgotla kwa Nkange, Mabuwe le Senete di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Edwin Batshu bosheng.
Ba tlhalositse fa tsela eo, e sale e senyega ngogola mme e ise e baakanngwe ka e tletse dikhuti.
Mongwe wa ba tsena phuthego eo, Rre Mbizo Mongwa, a re ba ne ba solofeditswe fa tsela eo e tla ntshafadiwa ka thendara ya e dirilwe.
A re fa e sa le ba leta ka tsholofelo ga gona sepe se se diragalang ka tsela eo.
Rre Mongwa a re seemo sa tsela eo ga se ba jese di welang segolo jang ka pula e tsweletse ka go na.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa mopalamente gore lenaneo la mapodisi la Kgomokhumo le fetele kwa kgaolong ya bone go lwantsha bogodu jwa leruo.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Batshu a re thendara ya tsela ya TutumeMaitengwe e ne e abilwe mme go emetswe konteraka go dira tiro.
A re ka go tlhoka lesego, bangwe ba ne ba ngongorega ka thendara eo, ka jalo tiro e ne ya tlosolosiwa gore e abiwe sesha.
Ka kgang ya kgomokhumo, Rre Batshu o ne a kopa banni go lwantsha borukuthi ka nako tsotlhe le go dirisanya le mapodisi.
Legale o ne a tlhalosa fa lenaneo la Kgomokhumo le tsamaya lefatshe lotlhe mme le tlaa goroga kwa kgaolong ya bone, ka jalo ba nne ba leka fa ba ka kgonang teng go lwantsha borukuthi bogolo jang jwa bogodu jwa leruo.
Rre Batshu o ne a kopa banni ba metse eo go itshidila mmele ka nako tsotlhe go tila malwetse a a sa tshelanweng jaaka jwa madi a matona, sukiri le a mangwe.
O ne gape a supa fa seemo sa phetogo ya loapi se setse se amile lefatshe, a tlatsa ka gore bogologolo go ne go tlwaelesegile gore ka paka e balemi ba bo ba lemile mme gompieno ga go diragale, ebile pula e boutsana.
Le fa go ntse jalo o ne kopa balemi go sa tlhoboge mme ba sale ditaelo tsa balemisi morago le go lema ka ditsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : NKANGE
Event : Kgotla Meeting
Date : 27 Dec 2018




