Breaking News

Dikereke di rapelela Tautona Masisi

05 Dec 2018

Dikereke tsa semowa di ne di phuthaganetse kwa Metsimotlhabe ka Tshipi go rapelela tautona Dr Mokgweetsi Masisi, gore a tswelele ka go busa ka kagiso le thokgamo.

Mothusa tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Mosieraele Goya, a re Botswana ke lefatshe la puso ya batho ka batho ebile le ipelafatsa ka yone.

A re pina ya setshaba e tlhalosa fa lefatshe leno ele boswa jwa bo rraetsho, ka jalo a tlhalosa gore kagiso e tshwanetse go rena mo lefatsheng gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele.

Rre Goya o gwetlhile dikereke go rapelela kagiso mo lefatsheng gore e seka ya tswa Batswana ka diphatlha tsa menwana.

“Diemo mo lefatsheng leno di tsere phekelo e sele, go mogote, dintsho magareng ga tse dingwe, ka jalo a re rapeleng ka bongwe fela jwa pelo ka Modimo o tla reetsa dilelo tsa rona. A re kopeng Modimo go re nesetsa pula tsa letlhogonolo,” a tshwaela.

Rre Goya o ne a rotloetsa phuthego go leboga Modimo ka nako tsotlhe ka ke ene a itseng tharabololo ya sengwe le sengwe.

A re batho ba tshwanetse go leboga Modimo ka sengwe le sengwe sa letsatsi, le go mo lebogela thabo ya letsatsi.

Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semowa, Rre Tebogo Motlhagodi, a re maikaelelo a tirelo e ne e le go rapelela tautona le lefatshe leno ka kakaretso.

A re maikaelelo a mangwe gape ke go leboga Modimo mo go sengwe le sengwe se a se ba diretseng.

“Re le barongwa ba Modimo, ga re robale re tswetse matlho otlhe, re bula le le lengwe go bona se setshaba se se tlhokang go ya pele, ka jalo re bone go le maleba go rapelela lefatshe le gore kagiso le thokgamo di tswelele ka go rena mo go lone.

Modimo o tsebe ntlha go utlwa, fa re rapela ka mowa ole mongwe re tshwaragane re le dikereke Modimo otla a re thusa mme kagiso e tla a rena go ya go ileng,” ga tlhalosa Rre Motlhagodi.

Fa a tswa la gagwe, Moporofiti Echoes Chiore go tswa Zimbabwe o galaleditse puso ya lefatshe leno ka go eteletsa Modimo pele mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho.

A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a sa dumeleng mo kgethololong ya letso le mmala, a tlhalosa gore go na le bagabone ba ba nnang mo lefatsheng leno ka kagiso gape ba sireletsegile.

Moporofiti Chiore o rotloeditse Batswana go tswelela ka go rapelela lefatshe la bone gonne mafatshe ka bontsi ba eletsa kagiso e e renang mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : METSIMOTLHABE

Event : Phuthego ya kereke

Date : 05 Dec 2018