Batlhophi kwa Nkange ba lebogelwa go ikwadisetsa ditlhopho
05 Dec 2018
Banni ba kgaolo ya Nkange ba lebogetswe go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga oo tlang ka dipalo tse di nametsang.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa kgaolong potlana ya Tutume, Mme Basadi Ntshutelang fa a lekodisa maloko a komiti ya Party Liaison Committee (PLC) e e akaretsang diphathi tsa sepolotiki, maphata a puso le mekgatlho ka go farologana kwa Tutume ka Labobedi.
Mme Ntshutelang a re go ikwadisitse batlhophi ba le 15 877, fa go tshwantshangwa le ba le 15 196 ba ba neng ba ikwadisitse ka 2014.
A re diphetogo tseo di diragetse thata kwa dikgaolwaneng tsa botlhophi kwa Nkange bokone le borwa ka di nnile le koketsego e ntsi thata.
O ne a gatelela gore dikgaolwana tsotlhe tse di mo kgaolong eo di kwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo ga sekete kgaolwana nngwe le nngwe, ko ntle ga meraka le masimo.
Mme Ntshutelang o boletse gore lekgotla la IEC le ne le ipeetse seelo sa go feta palo e e neng e ikwadisitse ka 2014, mme a tlhalosa fa ba kgonne seo ka kemo nokeng ya komiti ya PLC.
Komiti eo, e ne ya supa fa dintlha dingwe di akaretsa seabe sa batho mo go ikwaditseng ditlhopho, kanamiso ya go ikwadisa le go ruta batho mosola wa go ikwadisa le go tlhopha e le dingwe tse di amang maduo a go ikwadisetsa ditlhopho.
Modulasetilo wa phathi ya Botswana Democratic Party kwa kgaolong ya Nkange, Rre Colis Masena, a re bontlhopheng ba ne ba tsisa ketsaetsego mo bathong ka bangwe ba ne ba latela batho mo malwapeng a bone go ba isa kwa mafelong a ikwadisetso ditlhopho.
Rre Masena a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go itse seabe sa gagwe mo ditlhophong le go itseela tshwetso gona le gore a latelwe le go isiwa go ya go diragatsa tshwanelo ya gagwe, a gatelela ka gore bontlhopheng bao ba ne ba kopakopanya dilo.
Leloko la Alliance for Progressives (AP), Rre Gabriel Tshekiso a re ntlha nngwe e e dirileng gore batho bangwe ba seka ba ikwadisa ke ka gore diphathi di ne di na le ditlhopho tsa peo letlhokwa ka nako eo ka jalo seo sa tlisa ketsaetsego mo bathong.
Rre Tshekiso o ne a kopa puso go sekaseka ntlha eo go bona gore ka nako ya ikwadisetso ditlhopho, go nne ikwadiso ya setshaba ya ba lekgotla la ditlhopho fela, mme tsa diphathi di dirwe ka nako e sele go hema ketsaetsego.
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ne a kopa komiti eo go ya go abelana melaetsa e ba e amuleng ko bokopanong le maloko a makalana a ba tswang mo go one.
A re IEC e ka se kgone go ruta setshaba ka mosola wa go tlhopha ntleng le kemo nokeng ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buedasi
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 05 Dec 2018




