Breaking News

Kgodiso ya ngwana e tlhoka lerato

05 Dec 2018

Kgosana ya kgaolwana ya Moshupa Legare, Kgosi Tom Koontle, a re lerato ke konokono mo kgodisong ya bana.

O buile jalo fa a amogela batsena moletlo o mo go one khamphane ya Mike Bikes Mmokolodi e neng e abela Mokgatlho wa Teens Club dibaesekele di le lesome le bongwe le dihutshe tsa itshireletso.

Kgosi Koontle a re lerato le nosetsa maikutlo le go tlhabolola ditlhaloganyo tsa bana.

A re go fa bana lerato go tlotlomatsa serite le serodumo sa bone ka jaana ba kgona go lemoga botlhokwa jwa bone mo setshabeng.

Kgosi Koontle a re go le gantsi bana ba ba golang ba fiwa lerato, ba gola sentle mo mmeleng le mo moweng, selo se se ba gwetlhang go tlotlomatsa setshaba mo phularong ya batsadi.

O ne a kopa dikhamphani le bagwebi go tsenya letsogo mo go tlhabololeng matshelo a bana.

Mogolwane go tswa kwa komiting ya kgaolo ya tsa botsogo, ba gape e leng bangwe ba batlhami ba Moshupa Teens Club, Dr Kazongo Ngelezi o ne a lebogela kemonokeng ya dikhamphani go tlhabolola matshelo a Batswana.

A re Moshupa Teens Club e na le bana ba le masome a matlhano le botlhano ba ba tswang kwa Moshupa, Manyana le Lotlhakane West, a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go godisa mokgatlho gore o anamele kwa metseng yotlhe ya kgaolo ya Moshupa/Manyana.

O ne a phophotha legetla lephata la botsogo le boitekanelo le ofisi ya boemedi jwa Amerika mo Botswana, le lekgotla la Young African Leaders Initiative (YALI).
 

A re ka tshwaragano ya bone, ba kgona go akola dithuso tsa madi tse di tsamaisang mekgatlho e e akaretsang Moshupa Teens Club.

Dr Ngelezi a re mangwe a maitlamo a bone ke go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV mo bananeng, ka jalo o kopile kemonokeng ya botlhe gore ba filhelele maitlamo a.

E ne ya re a tswa la gagwe, tautona wa lekgotla la YALI mo Botswana, Rre Tshiamo Keakabetse, o ne a lela ka letlhoko la ditsompelo le le lebaneng mokgatlho wa Moshupa Teens Club.

A re ba tlhoka lefelo la bodiredi, selo se a kaileng fa se ba kgoreletsa go fa bana ditirelo sentle.

O kopile bogogi jwa motse go tlhagafalela kago e banana ba felwang ditirelo ka go farologana mo go yone, a re seo se ka ba tswela masola fela thata.

A  re ka gotwe moroto wa o esi gao ele, tshwaragano le kemonokeng e ka tlhabolola matshelo a banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : MOSHUPA

Event : Moletlo

Date : 05 Dec 2018