Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa leso la rre mongwe

05 Dec 2018

Mapodisi a Tshane kwa kgaolong ya Kgalagadi a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mararo le bongwe  mabapi le leso la monna wa dingwaga tse di ka

 Monna yo, yo o tlholegang kwa Hukuntsi, o tlhokafatse morago ga gore mmelaelwa a mo thule ka koloi ka letsatsi la Tshipi mo mosong.

Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Toyota Surf, e go belaesegang e ne e kgweediwa makgwagwa mo ga re ga motse mme ka go tlhoka lesego ya thula motsamaya ka dinao.

Supt Jorowe a re moswi o ne a bona dikgobalo tse di masisi, mme a ragosediwa kwa kokelong ee potlana ya Hukuntsi, kwa a fetileng a tlhatlhobiwa ke ba bongaka mme ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.

A re le ntswa ditlhothomisso di ise di wele, go supagala fa mmelaelwa a sena teseletso ya go kgweetsa ka jalo, fa a ka bonwa molato ke lekgotla la ditsheko o ka atlholwa madi a a ka tshwarang, makgolo a matlhano a dipula go ya kwa diketeng tse pedi tsa dipula, kana fa a ka retelelwang ke go duela madi ao, a lebanwe ke kgoro ya toronko ya dikgwedi tse thataro.

O ne a tlatsa ka gore, fa go ka lemosega gore mmelaelwa o bakile leso leo ka ntlha ya go kgweetsa makgwakgwa, mmelaelwa o ka lefisiwa madi a a ka tshwarang dikete di le lesome go ya kwa diketeng tse di lesome le botlhano, mme fa a ka retelelwa ke go duela madi ao, o tla a tsena toronko ya dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome go lebilwe mabaka a kgang.

Supt Jorowe, a re ba losika ba setse ba begeetswe ka tiragalo eo, ebile moswi o setse a tswa go dirwa ditshekatsheko go tlhomamisa se se bakileng leso la gagwe.

E re dikgang di eme jalo, Supt Jorowe, o ne a supa gape fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marato le masome a marataro le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa a fitlhetswe a tlhokafetse mo ntlong.

Go ya ka mookamela mapodise a Tshane, rre yoo, o fitlhetswe ke ba Home based care, ka letsatsi la Mosupologo ka nako ya boraro mo tshokologong fa ba ile go mo lekola ka jaana a ne a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone.

A re batlhokomedi bao, ba ne ba begela ba kokelwana ya Zutshwa mme ba itshwaraganya le mapodisi ka jalo, rre yoo a fetisetswa kwa Hukuntsi go ya go tlhatlhobiwa ke dingaka, ka maswabi ba tlhalosa fa a setse a tlhokafetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Pego ya mapodisi

Date : 05 Dec 2018