Kereke ya Unity e kokoanya madi go rulela kago
05 Dec 2018
Moletlo wa thobo wa kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church kwa Kanye o kgobokantse P152 320 go aga kago ya kereke eo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kereke eo, Rre Morulaganyi Letshwao, o boletse fa kereke e tlhoka P170 000 go rulela kago.
O boletse fa tiego ya go rulela e tsetswe ke go tlhoka madi ka ba ikaegile ka koleke ya maloko.
A re ba simolotse kago ya kereke ka ngwaga wa 2011 ba dirisa di tsa bone ka ba tsaya nako e ntsi ba kokotletsa.
Le fa gontse jalo a re ba ne ba thusiwa ke khamphani ya Huawei ka ditena di le 35 000 tse e leng tsone di kgarameditseng tiro.
Rre Letshwao a re bangwe ba ba phuthegi ba ntshitse dipodi, dikgomo le madi
A re o dumela fa ba tlaa bo ba ruletse mo ngwageng o o tlang, ka jalo a leboga phuthego go bo ba thologetse tiro eo ya thobo ka dipalo tse dintsi a re go supa fa ba ikemiseditse go aga kereke.
O ne gape a leboga maloko a diphuthego tse di tswang kgakala di tshwaragane le bone ebong ya Methodist le ya UCCSA .
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre William Tumediso, o boletse fa ba kopa dithuso mo setshabeng ka tota kereke e se ya ba ba e tsenang fela.
A re ke sone se e areng batho ba kopa go tshwarela ditiro tsa bone mo kerekeng ya Unity baruti ba bo ba dumela kaba itse fa kereke e se ya ga ope mme ele ya Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Moletlo wa thobo wa kereke
Date : 05 Dec 2018




