Breaking News

Kereke ya Parana e ipelela dingwaga tse 30

04 Dec 2018

Kereke ya Parana e ne e phuthile maloko a yone mo Botswana, go ipelela dingwaga tse di masome a mararo ka Matlhatso kwa Serowe.

Kereke e, e simolotswe ke Mme Koobotse Sechele yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong mme ya kwadisiwa semmuso ka ngwaga wa 1988. E na le makalana a le mararo kwa Gaborone, Francistown le Moiyabana.

Modula setilo wa komiti ya kereke, Mme Gloria Bowelo a re ba leboga Modimo go bo a ba ntshitse mo lefifing wa ba bontsha lesedi.

O kopile maloko go tshwaragana ka sekano sa Baroma kgaolo ya lesome le bobedi temana ya lesome le bongwe se se reng, mo tlhwoafalong lo seka lwa nna botshwakga, lo nne lo tuke mo moweng lo direle Morena.

A re kereke ya Parana, e eletsa go dirisana le dikereke tse dingwe le go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.

Moruti Keoletile Mmopi a re kereke ya Parana, e na le ditso jaaka go rapelela didiba gore di tswe metsi, a re ga ba palelwe ke go kolobetsa mo nokeng e e nang le dikwena ka lebaka la tshepo le tumelo ya bone ke gore go ka seke go diragale sepe se se bosula.

A re motlhami Parana, Mme Sechele e ne e le motho yo o botlhale, a le tlhaga ebile a le boineelo mo go direng ditiro tsa Modimo.
Kereke e a re e thusa ntle le dituelo.

Mongwe wa banana, Mme Kelebogile Tshaai a re ba lebogela gore kereke ya bone e ipelela dingwaga tse di masome mararo fela jaaka lefatshe le ipelela segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS, a re ba ema mananeo a puso nokeng.

A re kereke ga e rotloetse gore ope a tlogele dithuso bongaka, ebile e kgatlhanong le go rotloetsa banana go sa tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go ka ba thusa gore ba seka ba tsenwa ke mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 04 Dec 2018