Breaking News

Moruti wa St.John Faith Mission o bolokilwe

04 Dec 2018

Makgolokgolo a bahutsafadi ba ne ba tsene phitlho ya mookamedi wa kereke ya St.John Apostolic Faith Mission, Dr Kadi Simon Seisa kwa Tutume ka Matlhatso.

Moruti Seisa o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le masome mabedi le boraro morago ga go lwala ka lobakanyana a le dingwaga di masome a ferabongwe le bosupa.

Dibui ka go farologana di supile fa Moruti Seisa e ne ea le motho yo o boikobo, a le senatla, a rata batho ebile a boifo Modimo.

Gatwe o ne gape a le setswerere sa moopelo mo a thamileng dipina di le mmalwa ka dipuo ka go farologana.
Mongwe wa bana ba gagwe, Rre Simon Seisa o boletse fa rraagwe e ne e le motho yo o bonolo, yo o ratang go sokolola batho gape a rata batho a ba tsaya ka go lekalekana.

Rre Seisa a re moswi o ba godiseditse fa tlase ga tumelo, ka jalo a leboga maloko a kereke ya St.John tlotla e ba neng ba e fa rraagwe fa a sale mo botshelong go fitlha ka letsatsi la gagwe la bofelo.

O ne a kopa maloko a kereke eo go sala ba goga ka mowa o le mongwe go godisa le go tsweledisa motlhala o ba o segetsweng ke mookami, Dr Seisa.

Malomeagwe moswi, Rre Rodgers Sedimo a re moruti Seisa o tswa kgakala a goga kereke eo ya St.John, ka ene le maloko a mangwe ba ne ba bula kereke eo kwa Matsitama ka 1962, fa kwa Tutume e ne ya bulwa ka 1973.

Rre Sedimo a re loso la Dr Seisa ga se tatlhegelo ya ba lelwapa fela.

Moruti Seisa o tsholetswe kwa Nekati ka ngwaga wa 1921 e le ngwana wa borobabobedi wa ga Rre Simon Tobane Seisa wa Kolojane kwa kgaolong ya Leribe kwa Lesotho le Mme Mosepele Seisa wa kgotla ya Phaleng kwa Shoshong.

O simolotse dithuto tsa gagwe tse di potlana kwa Mabigwi ka Sub A go ema ka lokwalo la bone ka ngwaga wa 1930.

O ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Lady Khama Memorial School kwa Serowe kwa a dirileng lokwalo labotlhano go ema ka laborataro.

O ne a ya go ithutela borutabana kwa Adams Teachers Training College kwa Durban Natal ka 1945-1948, go tsweng foo a ya go ruta kwa Dombo Dema kwa Zimbabwe.

O ne a boela Botswana go ruta kwa Matsilojwe le Mathangwane morago a tlogela tiro ya borutabana go bereka mo moepong wa kopore kwa Matsitama.

Tiro ya gagwe ya bodiredi jwa kereke o e simolotse kwa Matsiloje kwa a neng a le morutabana go tswa ka ngwaga wa 1955 a tsena kereke ya Spiritual healing.

Bishop Dr Seisa o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ya bodiredi jwa Modimo ka go dira makalana a dikereke kwa mafelong a a farologanyeng a Botswana mme a le mo fa tlase ga boeteledipele jwa ga

Mme Christinah Nku. Ka ngwaga wa 1970 o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya borutabana mme o ne a tsholediwa maemo ka ngwaga wa 1974, go nna mothusa mogokgo.

Morago ga go tlogela tiro ka bogodi o ne a tsena sekole sa boruti ka tlhaeletsanyo kwa Kgolagano Theological College.

E ne ya re ka ngwaga wa 1985, moruti Seisa a bewa bishop kwa Afrika borwa mme a tlhomamisiwa ka 1991 mo Botswana, mme a fiwa seetsele sa Doctorate ka 2017.

Moswi o tlogela bana ba supa, borre ba batlhano le bomme ba ba bedi, bana ba bana ba le lesome le boferabobedi le dikokomane di le lesome le bobedi.. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phitlho

Date : 04 Dec 2018