Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa kotsi
04 Dec 2018
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya sechaba ya Molepolole/Takatokwane, e e neng e pegile bapalami ba le lesome le botlhano e neng ya pitokologa mme batho ba le batlhano ba tlhokafala.
E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Assistant Superintendent Moses Morolong, a supa fa mokgweetsi a ne a latlhegelwa ke taolo gaufi le motse wa Serinane, mme koloi ya pitikologa.
O supile fa koloi e ne tswa kwa Molepolole e fetela Takatokwane ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya botlhano mo tshokologong, a supa fa ba ba tlhokafetseng e le mosimane wa dingwaga tse lesome, basadi ba babedi le banna ba babedi ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi go ya go tse di masome a matlhano le bosupa.
Ass Supt Morolong o supile gore bapalami ba ferabobedi go balelwa le mokgweetsi ba robaditswe kwa dipateleng tsa Scottish Livingstone kwa Molepolole le Princess Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi, fa ba bararo bone ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana ba bo ba gololwa.
O kopile bakgweetsi ba dikoloi tsa sechaba go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe le go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang, ka jaana ba rwala matshelo a batho ba ba mantsi.
Mo go tse dingwe Ass supt Morolong o tlhalositse fa ba tshegeditse lekawana la dingwaga tse di fa gare ka setlhatshana se ba belaelwang e le motokwane.
O supile fa lekawana leo le bereka tiro ya go beola meriri, mme ba fitlhetse le fitlhile setlhatshana seo mo teng ga polaseteke e ba latlhelang moriri mo go yone.
O tlhalositse fa ba santse ba tla a tshwara ba ba itirang bo tsebe se utlwe mabapi le dikgang tsa motokwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Pego ya mapodise
Date : 04 Dec 2018




