Breaking News

Maloko a AWF a kopiwa go nna sekao

04 Dec 2018

Maloko a mokgatlho wa St John Anglican Women Fellowship (AWF) a kgothaditswe go nna sekao ka go bua boammaaruri le go itsetsepela ka lefoko la Modimo ka nako tsotlhe.

Kgothatso e ntshitswe ke Moruti Botshabelo Belemo wa kereke ya St John Anglican  kwa Lobatse mo kalosong ya maloko a bomme ba le lesome le borataro ba mokgatlho wa AWF kwa Tsabong ka Tshipi.

Moruti Belemo o boleletse maloko a mokgatlho oo leng mosha mo kerekeng eo go ikela tlhoko le gone go laola diteme tsa bone ka ba tsena mo maitlamong a masha a go goga setshaba sa Modimo.

O ne a ba gwetlha go nna le tsholofelo le go ikanyega mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba tlaa kopanang le tsone mo tirong ya bone.

A re gore mokgatlho wa bone o kgone go gola le go tswelela ba tshwanetse go gola mo semoyeng go itsalanya le go ikgologanya le Modimo ka e le one makgonatsotlhe.

Moruti o ne a tswelela ka go ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go sala ditsamaiso tsa mokgatlho oo morago ka go nna le therisano, tshwaragano le tirisanommogo.

Modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Utlwanang Babeile o ne a tlhalosa fa mokgatlho o simolodisitswe semmusu ka ngwaga wa 2015 morago ga go lemoga botlhokwa jwa one kwa mafatsheng a sele.

O boletse fa pele ga ba ka tlhomamisiwa go nna maloko a AWF ba rutuntshitswe lebaka la ngwaga le gone go tsena ditlhatlhobo tse di tseneletseng pele ga maloko a ka alosiwa.

O kaile fa mokgatlho oo e le mengwe ya mekgatlho mo kerekeng e e akaretsang Men Fellowship, Mothers’ union, sekole sa tshipi le e mengwe.

Mme Babeile o boletse fa maikaelelo magolo a mokgatlho wa AWF e le go godisa kereke, kago go bopa le gone go direla setshaba ka mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko ba itsetsepetse ka lefoko la Modimo.

A re mokgatlho o ba ne ba o bopa morago ga go kwatabolotsa le go tsaya maele mo dikerekeng tse dingwe ka ba ne ba lemoga fa o le botlhokwa le gore o ka ba tswela.

O ne a supa fa ba ikaelela go bereka ka natla ga mmogo le maloko a mangwe a mokgatlho wa AWF go tlhomamisa gore mo dingwageng tse tlang o bo o tsweletse ebile o godile.

Mo go lone letsatsi leo maloko a AWF ba ne ba abela bakaulengwe ka bone ba bagodi ba le babedi go tswa mo mekgatlhong e e farologanyeng dijo le melora.

A re moono wa bone e ne e le go godisa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko mo kerekeng mme ba tlhopa ba ba abetsweng ba lebile botlhoki jwa bone le gone go diragatsa mafoko a Modimo mo baebeleng a gore o rate mongwe ka wena jaaka a ithata mme o seka a tlhoka dijo le diaparo o bapile le ene.

Erile fa Moruti Ezekiel Nthokwa go tswa mo kerekeng eo kwa Mogoditshane a abela maloko ao aa neng a le lesome le borataro ka palo ditlankana tsa boloko o ne a ba kgothatsa go tshwara ka natla ba direla Modimo ka pelo e le nngwefela le ka boammaruri le Lorato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kaloso

Date : 04 Dec 2018