Tshwaragano e ka fedisa kgokgontsho
04 Dec 2018
Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Semakaleng Moamogwe, a re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go thusa go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana.
O buile se bosheng kwa Mabeleapodi kwa kgaolong ya Legare fa go ne go simolodisiwa semmuso malatsi a a lesome le borataro go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana.
Mme Moamogwe a re dipalo tsa sepodisi di supa fa melato ya kgokgontsho e le kwa godimo segolo jang melato ya petelelo.
A re Botswana o tsere boikarabelo go lwantsha kgokgontsho ya bong ebile se se se supagetse bosheng fa Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi a ne a simolodisa semmuso malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
Mo go lekeng go fedisa dikgang tsa kgokgontsho ya bong, puso e netefaditse go nna teng ga molao wa National Policy on Gender and Development.
A re go na le tshetlana e e itebagantseng le go sireletsa ditshwanelo tsa setho le go bona gore ba ba tlhokofaditsweng ga ba bewe ka fa mosing fa go tla mo go boneng ditirelo tsa semolao.
A re boeteledipele mo mehameng e e farologaneng, bo tshwanetse go di goga kwa pele go tsibosa setshaba le go amogela gore kgokgontsho e teng ebile e ka nna le tharabololo fa botlhe ba ka tsaya boikarabelo.
Mme Moamogwe a re fa go buiwa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong, ga go a tshwanela go itlhokomolosiwa gore le fa dipalopalo e le tsa bomme le bana, go na le borre ba ba tshelelang mo kgokgontshong ebile ba a swa senku ka gore ngwao e ba baya ka fa mosing ka go solofelwa gore rre o ka emela diemo tsotlhe.
O kopile botlhe ba ba kgokgontshiwang go ikuela, a supa fa bana-le-bogole ba kgokgontshiwa ke ba ba ba tlhokomelang e leng masika le balekane ba bone, selo se a reng ke matlhotlhapelo le matlhabisa ditlhong.
A re go a tshwenya go utlwa gore ditshwanelo tsa batho di gatakwa ka dinao mme a kopa botlhe go ikela tlhoko gore maitsholo a bone a se ka a tsenya matshelo a bone mo diphatseng jaaka bomme ba ba tsamaya ba le nosi bosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : MABELEAPODI
Event : Malatsi a a lesome le borataro go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana
Date : 04 Dec 2018




