Sekai o lekodisa morafe ka leobo
04 Dec 2018
Mothusa kgosi kwa Mochudi, Kgosi Bana Sekai, a re Bakgatla ga ba robatswe ke seemo sa leobo la bone.
O buile se mo phuthegong ya kgotla go lekodisa morafe bosheng.
Kgosi Sekai o ne a tlhalosetsa morafe gore go na le matshwenyego a mantsi ka se se diragetseng ka madi a leobo la kgotla kgolo ya bone.
A re le fa go ntse jalo, ba kopile thuso mo khanseleng ya Kgatleng go ba thusa ka badiri ba ba ka sekasekang dibuka tsa komiti e e neng e eteletse kago ya leobo.
O boletse fa basekasiki ba setse ba simolotse tiro ya bone mme morafe o tlaa lekodisiwa ngwaga o tlang.
Mo go tse dingwe, Kgosi Sekai, o boletsa fa polase ya morafe ya Masama le yone dibuka tsa yone di tlaa sekasekwa ngwaga le ngwaga go na le jaaka go ne go dirwa mo lebakeng le le fetileng. A re dibuka tseo di sale di tlhongwa leitlho le le tseneletseng labofelo ka ngwaga wa 2016.
O ne a supa fa motlobo wa ditso wa Phuthadikobo le one o supile fa tlaa ipaakanya ka go seka seka dibuka mme o tlaa ntsha pego.
Kgosi Sekai a re dikoporase tsa Kgatleng tsa morafe le tsone di saletse kwa morago ka ba ise ba itshupe gore ba tsamaya fa kae ka se ba se dirang.
O ne a tswelela ka go kopa morafe gore o ba thuse ka go supa fa masimo a morafe a Masutla a leng teng, a a tlhalositseng fa a ka tswela morafe mosola.
Le fa gontse jalo, o ne a gakolola morafe gore fa go sa tlhole go na le makwalo a tsewang kwa kgotleng fa motho a batla go pega lenyalo.
A re mo sebakeng sa gompieno motho o ka tlhamalala fela a ya go simolodisa tiro ya nyalo go sena lekwalo le le tsewang kwa kgotleng jaaka mo nakong e e fetileng.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Sekai o ne a supa matshwenyego mo morafeng ka leruo le le gobeyang motse go lebega le sena tlhokomelo.
O ne supa fa go ne go dumelanwe gore kgwedi ya Phalane e tlhola lesome le bongwe leruo la bo le dule mo motseng.
A re ba kgonne go ka kopana le maphata a a amegang mabapi le kgang e, mme e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo kgato di tseelwe ba ba sa seleng molao morago.
Kgosi o ikuetse ka modumo o montsi o o tsosiwang bosigo kwa madirelong a bojalwa le kwa dikerekeng dingwe.
O tsweletse ka go supa fa bangwe batho ba rekisa bojalwa kwa ntleng le teseletso kwa masimong le merakeng mme a ba tlhagisa go emisa seo.
Kgosi Sekai o ne a kopa morafe go tla ka dipalo kwa segopotsong sa bolwetse jwa HIV/AIDS se se tla bong se tshwaretswe mo motseng wa Mochudi kgwedi ya Sedimomthole a rogwa. A re sebui sa tlotla e tla bo e le tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
Fa a tswa la gagwe,Rre Kabelo Rakgati yo e leng monni wa Mochudi o ne a kopa tlhaloso ka se se diragalang ka lefelo la diphologolo le le mo Mochudi mme a supa matshwenyego ka ditsela tse a reng di tletse ditotoma tse di fokotsang lebelo gongwe le gongwe.
BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Boago Molwane
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Dec 2018




