Breaking News

Thuto ya bananyana motheo wa popota

03 Dec 2018

Mogolwane mo lephateng la thuto kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, Rre Mokwadi Tese, a re go ithuta go simolola letsatsi le motho a belegwang ka lone go fitlhela mowa o kgaogana le nama.

Rre Tese o boletse se bosheng kwa masimong a Mmaothate gaufi le Molepolole kwa kalosong ya baithuti ba ba yang go bala lekwalo la ntlha.

A re fela jaaka Morena Jeso Kresete a ne a tsholelwa kwa bojelong jwa dipitse mme ya nna mmoloki wa setshaba, go supa fa motho yo o nonofileng a ka tswa gongwe le gongwe, mme a goge lefatshe.

Rre Tese a re go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa bana ke go ithola seriti sa go nna motsadi, mme a tlhalosa fa thuto ele sengwe le sengwe e bile e fetola matshelo a batho ka bontsi.

Mothusa mogokgo kwa sekolong se sebotlana sa Thebephatshwa, Mme Nelly Tautona, ene o ne a gakolola batsadi botlhokwa jwa thuto go tswa kwa moding.

A re ke sone se puso e itlamileng go simolodisa thuto ya matlhagola tsela go fatlholola bana ba bannye pele baya go simolola mophato wa ntlha.

Mme Tautona o ne a lebogela puso maitlamo ao, mme a tlhalosa fa barutabana ba setse ba lemoga maduo a kgato eo ka jaana tema e setse e segilwe mme sa bone e le go godisa se bana ba tlang ka sone.

A re baithuiti ba tlhoka lerato , tlhokomelo le bopelotelele gore ba kgone go tswelela ba ithuta.

Ka jalo Mme Tautona o kopile batsadi go emisa boitseme le go latlhelela bana ba bone mme ba itse gore bana ba tshwanetse go pataganelwa le barutabana.

A re fa bana ba masimo a Mmaothate ba rutegile ba ka tsoga ba tlhabolola masimo a bone.

O ne gape a kopa batsadi go tlamela bana ba bone ka go ba direla sefitlholo pele ba ya sekolong go itsa gore ba tlhaele mo tseleng ka ba patelesega go tsamaya sekgalanyana go fitlha kwa sekolong.

E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Mme Onkokame Tuelo, yo e leng mokwaledi kwa ofising ya mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe o kopile gore bana ba ntshiwe mo malwapeng mme ba atamediwe kwa sekolong ka e bile se thusa thata le mo go tlhokomeleng bana kwa ntle ga dituelo dipe go tswa kwa batsading.

O ne a fa batsadi kgakololo ya gore ba nne ba ruta bana ba bone ka maele a botshelo a re se e tlaabo ele go supa fa ba kgathala ka isago ya bone.

Mongwe wa banni ba Mmaothate, Rre Rumu Thakadu o ne a leboga thata go bo ba lephata la thuto le lemogile fa bana ba tshwanelwa ke go rutuntshiwa go tswa ko tlase le kwa masimong tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Amolemo Moeng

Location : LETLHAKENG

Event : Kaloso ya baithuti

Date : 03 Dec 2018