Dikeletso tsa Batswana ke thito kgang
03 Dec 2018
Batswana bangwe ba eletsa gore go lebelelwe dilo dingwe mabapi le go ithola ditirelo dingwe ke puso.
Ba ntshitse megopolo mo potsolotsong morago ga phuthego e e neng e buisiwa ke mogolwane wa lekalana le le di gogang kwa pele mo go tsa go ithola ditiro la Public Enterprises Evaluation and Privatisation Agency (PEEPA), Rre Ismael Joseph.
O ne a ba sedimosetsa ka kgatelopelo e e dirilweng mo go tsa itholo ditiro kwa makalaneng a a akaretsang Botswana Meat Commision (BMC) le la difofane la Air Botswana.
Rre Pusoetsile Gareosenye ene a re go botlhokwa go baya dikeletso tsa Batswana kwa pele.
A re gole gantsi, itholo ditiro e tokafatsa dilo dingwe mme fela a re oa tlhobaela ka gore dikhamphani dingwe dika latlhela Batswana ka lemena.
A re go le gantsi dikhamphani tse di ikemetseng di supa fa di na le bokgoni jwa go neela Batswana ditirelo tsa boleng mme e bile di rokotsa mathe ka nako ya ikopelo, selo se a kaileng fa ya bo e le go ba direla bosigo ka kobo ka jaana go le gantsi ba sa filhelele maitlamo a bone.
Rre Gareosenye a re puso e senyegelwa ke madi a mantsi mo ditirong tse di akaretsang tsa dikago tse di phuaganngwang ke dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi.
Rre Simon Ramontsho ene o ne a supa fa a itumelela thulaganyo ya go ithola ditiro ke puso mme fela a bolela fa a le kgatlhanong tebang le gore go gogelwe kobo ntlha e le nngwe.
A re go le gantsi go nna le dikhamphani tse di akolang di le nosi, selo se a reng ga se solegele Batswana molemo.
E ne ya re a tswa la gagwe, Rre Tirelo Sejabosigo, a supa fa go le gantsi dikhamphani tse di fiwang ditiro tsa kago di felela di le botsa phokojwe pele ga go feleletsa ditiro tse ba difilweng ke puso, mme sebe sa phiri e nne gore ga go ope yo o tsayang boikarabelo.
O kopile PEEPA go tswelela ka go baya dikhamphani tse di neelwang ditiro leitlho go tlhomamisa gore ipapatso ga se ya molomo fela, a tlatsa ka gore fa go sokamang teng ba tsee ditshwetso go baakanya seemo.
Monana yo e leng mongwe wa balemi barui ba kgaolo ya Borwa, Rre Atlang Lekgowe, o ne a bua a itebagantse thata le tse di amang BMC.
A re puso e tlhaloganye sentle fa mmaraka wa kgomo mono o ntse o ikaegile thata ka khamphani eo, e e bileng e ntse e gweba ntle le phadisano.
O ne a bolela gore ba lemogile fa BMC e ntse e reka dikgomo tsa bone ka seelo sese kwa tlase ga sa mebaraka ya mafatshe a sele.
Ka jalo o ne a kopa PEEPA go bulela phadisano gore khamphani e e tla rolelwang tiro e ikitee ka thupana go tokafatsa ditirelo mme e bile e dirisana le barui ka tshiamo le thokgamo.
E rile fa a latlhela tlhware legonnyana, Rre Patric Ramontsho ene a amogela ka atla tsoo pedi itholo ditiro ya puso mme fela a tlatsa ka gore, fa e ka dirwa ka tshiamo e ne e ka tlhabolola Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoentle Gopadile
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 03 Dec 2018




