Metshameko e nonotsha botsalano
03 Dec 2018
Molelo o o raletseng Botswana go tshwaya metshameko ya kgaolo ya Region 5 Youth Games Gaborone 2018 o fetile kwa Serowe bosheng.
Barongwa ba setse ba fetile ka metse e le mmalwa.
Mothusa kgosi kwa ga Mmangwato, Kgosi Serogolo Seretse, a re metshemeko ya sebopego se, e tshwanetse go rolelwa Batswana gore batshameki ba gololesege.
A re go tshegediwa ga metshameko ke kgwetlho e e bayang lefatshe leno mo sekaleng sa gore le fa kae mo go tseyeng boikarabelo le go nonotsha botsalano le tirisano le mafatshe a mangwe.
A re se, se ya go fa bana ba lefatshe leno sebaka sa go phadisana le go anya ditalente mo balekaneng ba bone, go tswa kwa mafatsheng a a tlaa tsenang metshemeko eo.
Kgosi Seretse o ne a gakolola bana ba ba neng ba batsile ka dipalo tse di fa godimo, go iphapa mo tirisong ya ditagi, a re seo seka ba senyetsa bokamoso.
A re le bone fela jaaka bo mogoloabone, Amantle Montsho, Makwala, Baboloki Thebe le Nijel Amos ba tsoga ba tsholeditse serodumo sa lefatshe leno.
A re go mo go bone go ipetlela isago, fela jaaka Setswana sere “… go betlwa wa taola wa motho oa ipetle”.
Kgosi Seretse o ne a eleletsa bana katlego mo metshamekong e e solofetswe go simologa kgwedi eno e supa go fitlhelela ele lesome le borataro.
E rile a lekodisa ka molelo oo le dithulaganyo tse dingwe tsa metshemeko e e solofetsweng eo, moemedi wa komiti e e neng e rulaganyetsa go goroga ga molelo oo kwa Serowe, Natasha Siku a supa fa ba setse fetile ka metse e le mmalwa.
Siku a re metshameko e e akaretsa batlhoka pono, mme a re se se itumedisang segolo bogolo ke gore bontsi jwa bana bo tswa mo kgaolong ya Legare.
O ne a kopa kemo nokeng ya botsadi, a re seo se fa bana sebaka sa go supa ditalente tsa bone tse bangwe e kanna tsone ba ka itshetsang ka tsone.
Mo boemong jwa ga molaodi, Edwin Mance, District Performance Management Coordinator central (PIC) o ne a bolela fa go le botlhokwa gore batsadi batshwaraganele kgodiso ya bana le puso, ka gore puso ka esi ga e kake ya kgona.
A re Batswana ke setshaba se se itsiweng ka kagiso le botho, mme a re o solofela fa bana ba tlaa dirafatsa seo gore baseka ba tlhabisa ditlhong.
Mance a re itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile thata ka bojanala, ka jalo metshameko e o e tlaa tlisa letseno mo bagwebing ba lefashe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 03 Dec 2018




