Breaking News

Bogodu jwa leruo bo tlhakaladitse kwa Ditshegwane

03 Dec 2018

Kgosi Selelo Kelebang wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re motse wa gagwe o tlhasetswe ke magodu a leruo.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Kelebang a bolela fa bogodu jwa leruo bo ile magoletsa.

O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke bana ba motse e bile e le bo rre ba tshwaragane le ba ba tswang kwa ntle.

Kgosi Kelebang o ne a kaya fa a lemogile gore bogodu jo bo gwetlhiwe ke letlhoko la ditiro a tlhalosa fa bontsi ba ba amegang e le beng ba dikgwebo tsa thekiso ya nama le ba ba berekang ditiro tsa maemo a a kwa godimo.

A re ba setse ba kile ba tshwara bangwe ba pegile leruo la bogodu mo dikoloing e le gore ba di fetisetsa kwa mafelong a a kgakala go di rekisa.

Kgosi Kelebang a re tiragalo eo ya bogodu ga e mo jese diwelang e bile a supa fa e isa motse wa bone kwa tlase ka ba setse ba simolola go tuma ka bogodu jwa leruo.

O kopile banni ba motse oo, go disa leruo la bone ka nako tsotlhe mo magodung ao ba ba tlhakaladitseng.

A re ke tshwanelo ya monni mongwe le mongwe go nna lepodisi la motse go leka go kganela le go fokotsa bogodu joo.

Kgosi Kelebang o ne a rotloetsa banni go loma tsebe mapodisi kgotsa di kgosi fa go na le dipelaelo tsa bogodu jwa leruo.

A re gore bogodu jo bo fokotsege ke fa morafe o ka tshwaragana le go dirisana mmogo go bo lwantsha.

Mo go tse dingwe tse di amang motse o, Kgosi Kelebang a re o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya nnotagi kwa motseng oo.

O tlhalositse fa nnotagi ee akaretsang go nwa majalwa phethelela le go goga metsoko e e sa letlelelweng di diragadiwa ke banana mme di felele di baka botlhokatsebe jo bo sa laolesegeng.

A re motse wa gagwe o tlhakaladitswe ke dipolaano tsa baratani ba bangwe ba bone ba nnang mmogo mo ntlong ntle le lenyalo le bana ba ba tlogelang sekolo ba le bannye ka ntata ya boimana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : DITSHEGWANE

Event : Potsolotso

Date : 03 Dec 2018