Breaking News

Moruti o rotloetsa baratani go nyalana

03 Dec 2018

Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Bokone Bophirima, Moruti Thato Elias, o gakolotse Batswana go emisa mokgwa wa go inyadisa.

Moruti Elias a re go bonala fa kgokgontsho ya bong e remeletse thata mo bathong baba nnang mmogo ba sa nyalana.

A re gole gantsi borre baba nyetseng ba tlotla basadi ba bone ebile ga ba ke ba kgokgontsha jaaka ba ba sa nyalang.

Moruti Elias o buile jalo kwa mogwantong kgatlhanong le kgokgontsho ya bong kwa Maun bosheng.

A re dipolaano tsa bakapelo di fitlhelwa gantsi magareng ga ba batho ba ba sa nyalanang fa go tshwantshiwa le banyalani, a tlatsa ka gore borre ke bone tshoso e rweleng mo go kgokgontsheng.

A re pelaelo ya gagwe ke gore ditlhwatlhwa tsa bogadi tse di kwa godimo e ka tswa ele tsone tse di paledisang batho go nyala.

A re ka lenyalo le turu bontsi ja nako bakapelo ba tsena mo tseong ka madi a adimiwang mme seo se bake dikoloto tse morago di bakelang banyalani kgotlhang.

Ka jalo Moruti Elias o ne a lebogela pego ya seemo sa lefatshe ya ga Tautona ya bosheng e e supileng fa puso e tla a sekaseka lenyalo le gore a go ka se nne le manyalo a tumelo a a amogelesegang.

Moruti Elias o ne a gwetlha batho ba ba tsenang dikereke gore ba  rotloetse tshotiso yeo ka e ka thusa thata go baakanya serodumo sa lenyalo.

A re batsadi le bone ba eme mogopolo oo nokeng ba se akanye gore wa go ba itsa go ja sepe, a re lenyalo ga se kgwebo jaaka go setse go fetoga.

A tlatsa ka gore go tshela mmogo ebile batho ba dira merero mmogo ga go a siama ka go baka ditshenyegelo.

A re gape batho baba sa nyalanang ga bana tshono ya go bona bogakolodi, ka gole gantsi ba tshaba go kopa thuso kwa baruting le dikereke, molaodi le batsadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Mogwanto

Date : 03 Dec 2018