Dinako tsa maitiso di tlaa okediwa
02 Dec 2018
Mo maitekong a go tlhama ditiro le go rotloetsa badiragatsi, puso e tsere tshwetso ya go oketsa dinako tsa maitiso.
E rile a bua mo phuthegng ya kgotla kwa Tsabong bosheng, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhalositse fa tshwetso eo e tserwe ka maikaelelo a go re Batswana ba kgone go itirela letseno mme a gatelela gore ba tshwanetse go sala molao morago ka dinako tsotlhe.
Tautona a re morafe o gololesegile go ikopela diteseletso tsa go dira maitiso a bosigo jotlhe kwa mafelong a tshwana le masimo mme a re go tlaa tlhokwa dilo di tshwana le matlo a boitiketso, badisa-dikago go netefaatsa tshireletsego ya batho.
A re fa modiro o fela beng ba tiro ba tlamega go phepafatsa lefelo gore diruiwa di seka tsa aja leswe.
Tautona Masisi o gakolotse gore tshwetso e ga e reye gore batho ba ikhumanegise ka go nwa bojalwa phetelela, mme e dirilwe fela gore ba kgone go tlhaba kgobe ka mmutlwa.
E rile a latlhela la gagwe, tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Thapelo Olopeng a bolelela morafe wa Tsabong le ba metse e e mabapi gore matona a tsere tshwetso ya gore go okediwe dinako tsa maitiso.
O ne a bua mafoko ao morago ga gore banni ba ngongorege ka melawana ya khansele e ba reng e ba kgoreletsa go itshetsa ka ditiro di tshwana le go rekisa dijo fa motho a sena fa a direlang teng.
E ne e rile go le pele banni ba ngongorega gape gore khansele e gana ba rekisa nama e e besitsweng mo madirelong a bone a go rekisa nama.
Mo go tse dingwe, banni ba ngongoregile ka kokelo ya motse oo e ba supileng fa e setse e sa kgone go thusa balwetse ba kgaolo ka bontsi mme ba kopa se segolwane.
Mokwaledi mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Mme Ruth Maphorisa o ne a re puso e itse sentle ka seemo sa kokelo eo mme a tlhalosa gore e re ka madi a go aga e ntsha a santse a seyo, ba tlaa dira dipaakanyo fa go kgonegang teng.
A re mo nakong eno puso e netefatsa gore baoki ga ba tlhaele le gone go baakanya dikoloi tse di tsayang balwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Dec 2018




