Badiri ba khansele ba abelwa dietsele
02 Dec 2018
Badiri ba Khansele-potlana ya Letlhakeng ba kopane le ba lephata la makgotla a Setswana ba abetswe dietsele tsa go dira ka botswapelo.
Fa a amogela baeng kwa modirong oo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a kopa ba ba sa tsayang dietsele gore ba seka ba akanya gore ba latlhetswe kgakala.
Modulasetilo o ne a kopa gore jaaka khansele e kopanetse go aba dietsele le ba makgotla a Setswana, ba tshwaraganele ruri le ka ditirelo.
Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tumelo Seboko o ne a tlhalosa fa maikaelelo a tiro eo e ne e le go lemoga bokgabane jwa badiri, a supa fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore go nne go lemogwa ba ba dirileng sentle ka go ba fa dietsele le ditlankana.
Rre Seboko o ne a akgola ba ba filweng dietsele, a ba kopa go tswelela ba dira tiro e ntle, mme a kopa ba ba sa bonang sepe go ititaya ka thupana gore le bone ba bone sengwe ngwaga o o tlang.
Mogolwane wa khamphani ya Ecsponent Asset Management, Rre Joseph Mosimane, a re dipatlisiso di supa fa go lemoga badiri go tsisa maduo mo tirong.
Rre Mosimane o supile gore fa babereki ba sa bereke ka lenaneo ba kgona go palelwa ke tiro, mme fa ba bereka ka lenaneo sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo.
O tlhalositse fa kgaolo-potlana ya Letlhakeng e na le dikgwetlho tse dintsi jaaka go tlhaelelwa ke didirisiwa, mme a ba lemotsha fa puso e ba file boikarabelo jwa gore ba fe Batswana le ba ba kgakala le ditlamelo ditirelo.
O ba rotloeditse go ithotloetsa, a bo a ba kopa go ipotsa gore ba diretse eng khansele e seng gore khansele e ba diretse eng.
Fa a itebaganya le bagolwane, Rre Mosimane o ba kopile go kopanela ditogamaano pele le ba ba ba eteletseng pele.
O tlhalositse fa go le botlhokwa go arogana tebelopele le maikaelelo le baba berekang le bone, a supa fa se se ka tokafatsa maduo.
O boletse gape fa go lemoga makoa a ba bangwe go le botlhokwa ka go ka dira gore ba bereke ba itsane.
Seetsele sa modiri yo o ba gaisitseng botlhe se ne sa gapiwa ke Tshireletso Ofentse kwa lephateng la makgotla a Setswana, fa kwa khanseleng se ne sa gapiwa ke Tumi Badiseng.
Tlotla e e fiwang ke mokwaledi wa khansele-potlana e ne ya gapiwa ke Fredrick Janson, a ikgapela setlankana le P1 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Dec 2018




