Breaking News

Go itse ditso tsa metse go botlhokwa

02 Dec 2018

 Molaodi wa Ghanzi, Rre Loeto Porati o boleletse Morafe wa D’kar gore go botlhokwa go itse ditso tsa motse wa bone go tila dikgang tse dintsi fa go tsenwa mo mererong ya tsa bogosi.

Molaodi Porati o ntshitse mafoko ao fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa D’kar go utlwa gore morafe ba batla mang a nna kgosana ya bone.

Molaodi a re morafe ke one o tshwanetseng go tswa ka leina la motho yo ba mmatlang gore a nne kgosana ya bone ka jaana e le bone ba ba itseng ditso tsa motse wa bone gore yo o thibeletseng  pele ene ke mang.

Rre Porati a re go botlhokwa gore bagolo ba motse ba itse le gore yo o o neng a ba thusa go rarabolola mathata a bone e ne e le mang ka seo se ka ba thusa go ntsha leina la kgosana go sena mathata le dikgogakgogano.

Molaodi o ne gape a gakolola morafe oo gore ga go a tshwanela  go nna le ditlhopho fa ba tsena mo bogosing ka go bo se se raya gore ba tlaa nna ba tshwara ditlhopho fa kgosana a tlogela tiro ka bogodi kana a tlhokafala go ya go ileng.

Rre Porati o kopile morafe oo go sala ba ikakanya sentle gore ba bone gore ba ka baya mang yo o tshwanetsweng ke bogosi joo go na le gore bo tlhophelwe.

E rile Rre Lofa Bensoso yo e leng mongwe wa baagi a akgela a supa fa bogosi jwa motse wa bone bo tshwanetse go neelwa morafe wa Banaro ka e le bone ba ntlha go thibelela mo motseng oo jaaka ditso di supa jalo.

Rre Aron Johannes ene a re ba kopanetse ruri mme ga go nko e tswang leming ka mongwe le mongwe o batla bogosi jaanong a kopa gore go nne le ditlhopo.

E rile molaodi a raba dikgakgelo tsa bone a ba bolelela fa go ya go nna thata gore ba tswe ka leina la motho a le mongwe, ka jalo ba tsile go tswara ditlhopho tsa bogosi.

Se se tla morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana April Montshosi ka Motsheganong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Dec 2018