Bogosi bo a tsalelwa - Mosielele
02 Dec 2018
Kgosi Osca Mosielele wa Moshupa o supile fa kgosi e le motho yo o tsetsweng batho ba itse gore ke kgosi.
O buile jaana kwa thuto-puisanyong ya dikgosi kwa Takatokwane, e maikaelelo a yone e neng e le go ba lemotsha ka ditiro tsa bone le bahumagadi ba bone.
Kgosi Mosielele o supile fa bogosi bo feta dikakanyo tse batho ba nang natso, a bo a supa fa kgosi e le kgosi ka morafe.
Kgosi o supile fa dikogsi di rotloetsa batho gore ba ijese, a supa fa melao yotlhe ya puso e direlwa kwa kgotleng.
O boletse gape fa mong wa bogosi a sa batlwe, mme a bonwa ka botho jwa gagwe.
Kgosi Mosielele o tlhalositse fa kgosi a bereka le a le kwa lwapeng, a supa fa mong wa bogosi a swela morafe wa gagwe.
O boletse fa dikgosi di sena makgotla a babereki.
Kgosi o ngongoregetse gore bogosi ga bo tsewe tsia, mme dikgosi dingwe ke tsone di tlhotlheletsang gore bogosi bo seka jwa tsewa tsia, a supa fa dikgosi di na le ka fa di kalang tiro ka teng, a bo a tlhalosa fa dikgosi di neetswe boikarabelo jwa go buelela batho.
O tlhalositse fa ditsheko di le masome a a robang bobedi le botlhano di sekwa kwa makgotleng a Setswana, fa di le lesome le botlhano fela di sekwa kwa ga mmakaseterata.
Kgosi Mosielele o tlhalositse fa go na le tshosologo kwa kgotleng, a supa fa go buiwa tse di botlhokwa tse di amang morafe kwa kgotleng, a bo a tlhalosa gore fa kgosana a ka iphitlhela a ngangisana le kgosi ka dilo tse di tlhamaletseng a itse gore go na le mathata.
O ba tlhaloseditse gore kgosana ga se kgosi, a bo a ba kopa go ne ba tshwara lebatla go lekola morafe. O ba kopile go ithuta go kgaoganya nako, a supa fa dilo di kgweleaganngwa ke go tlhoka go tsaya tshwetso ka bonako.
Kgosi o boletse fa dikgosi di ka seke tsa lebega sentle fa ba sena bahumagadi, a supa fa mohumagadi a tshwanetse go tlhokomela monna wa gagwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka botswapelo.
O tlhaloseditse bahumagadi fa banna ba bone ba tlhoka tshidilo maikutlo e e faphegileng ka jaana ba rwele mathata a batho.
Kgosi Michael Molefe wa Kopong o ne a tlhalosa fa bogosi bogologolo bo ne bo tlhokomela lefatshe bo le laola, a supa gore fa moeng a ne a tsile mo motseng o ne a begwa kwa kgotleng, mme fa a kopa lefatshe kgosi e ne e le ene a laolang gore a bewe fa kae.
O tlhalositse fa dikgosi tse tharo e le tsone di kopileng tshireletso kwa go Mmamosadinyana, ke sone se Batswana ba tshelelang mo kagisong e ba e akolang le jaana.
Kgosi o boletse fa morafe o ne o aga difalana, matamo le go lemela kgosi, mme e re fa go le leuba kgosi a thuse ba ba wetsweng ke mopalo ka dijo tse di mo difalaneng.
Kgosi Molefe o tlhalositse fa pelo ya kgosi e le mo seatleng sa Modimo, a supa fa dikgosi tsa pele di ne di dira ditiro tsa boithaopo ka morafe.
O tlhalositse fa bogosi gompieno bo sala molao morago, a supa fa ba ka seke ba pateletsa motho go dira tiro a sa batle.
O tlhalositse fa kgosi wa gompieno a tshwanetse go itse go bala le go kwala ka jaana gompieno a kgona go sekisiwa a bo a atlholwa fa a tlodile molao.
Le fa go ntse jalo, batsena thuto-puisanyo eo ba ne ba supa fa ba e itumeletse, ba supa gore jaanong ba tlhaloganya go itse gore ba bereka go tswa fa kae go ema fa kae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : Thuto puisanyo
Date : 02 Dec 2018




