Breaking News

Sekole se segolwane sa Lobsec se segofetse

02 Dec 2018

Moithuti wa  pele  wa sekole se segolwane  sa  Lobatse, Dr  Allan  Kalake    o  gakolotse  baithuti  ba  sekole seo  gore  mo botshelong  ba ka  nna sengwe le sengwe se ba se batlang go sa kgathalesege gore  ba simolotse fa  kae.

Dr  Kalake o buile jalo bosheng  kwa  Lobatse  jaaka   baithuti ba  pele   ba sekole seo se se itsegeng ka leina la  Lobsec  ba dingwaga  tsa  1976-1980  ba ne se abela madi  go  baakanya  ntlo  e e dirisiwang   ke badisa-dikago.

O ne a kgothatsa  baithuti gore ba ipone e le batho bangwe mo setshabeng ba  seka ba kgorelediwa ke diemo tsa  matshelo a ba tshelelang mo go one, e bile ba seka  ba  letlelela dikakanyo tse di sa siamang mo  matshelong a  bone  mme  ba nne  ba  itse gore ba na  le bokgoni.

Dr Kalake a re baithuti ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo  tse  di  bulegileng  go  sekaseka  pharologanyo  fa  gare ga molemo le bosula, a tlatsa  ka  go re  ga twe  phokoje go tshela yo o dithetsenyana, gape mokoduwe go  tsosiwa  o o itekang.

O ne a bua a sa kgale mathe ganong a gwetlha  baithuti gore ba seka  ba ipelaela  mo botshelong, gore  ba kgone  tse ba  di  eletsang, a tlatsa ka go re  ba  seka  ba letlelela  letshogo  le poifo mo matshelo a  bone.

Fa a tswa la gagwe, Rre   Vincent Mongati    wa  dipalamo tsa  setshaba  tsa   Vincent Tours o ne a bolelela  baithuti gore  ba   tshwanetse go itse bokgoni jwa bone.

A re go tlhoka fela gore  motho a nne le lenaneo le sephiri sa  ka fa  a  dirang dilo ka teng gape a  itlhaloganya.

Rre  Mongati  o rotloeditse  baithuti go nna le tlotlo gore  ba tle  ba  atlege mo go tse  ba  di  batlang,  a tlatsa  ka go re ‘moremogolo  go   betlwa  wa  taola,  wa motho o a  ipetla’.

O ne a ba gakolola fa thuto e le selotlolo sa katlego, mme e bile katlego e se madi  e le kagiso le lorato.

Rre Mongati o ne a solofetsa  gore  moithuti  yo o tlaa  gaisang  ba bangwe  o tlaa mo pega go ya Motse-Kapa,  a mo  duelele boroko, a bo a mo  fepe fa a le koo. Mo go  tse  dingwe  o  gakolotse  baithuti  go ikgapha  mo dikgannyeng  tsa  marato tse a reng di  ba senyetsa  bokamoso   ba santse  ba le  bana.

Baithuti bao ba pele ba Class  of  76-80 ba abetse Lobsec dikete tse di lesome  tsa   dipula, mme ba bolela gore   ke tshimologo ya botsalano ka  moono o o reng; Re  Busetsa  Sekole sa  Rona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Phuthego

Date : 02 Dec 2018