Lekgotla le kgalemelela banni go rekisa ditsha
29 Nov 2018
Lephatla la kabo ditsha la Tati le rotloeditse banni ba Ditladi go emisa mokgwa wa go rekisa ditsha fa ba palelwa ke go ditlhabolola.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ditladi mo boemong jwa modulasetilo, leloko mo lephateng la kabo ditsha la Tati Rre Lempaletse Mbayi o ne a kgala mokgwa wa go rekisa ditsha mo go ileng magoletsa mo banning ba motse oo le ba Tati Siding.
Rre Mbayi o tlhalositse fa ba itemogetse gore metse e mebedi eo, fa baikopedi ba sena go abelwa ditsha mo nakong e khutshwane ba boa gape ba tsenya kopo ya go fetisa ditsha tse ba sa tswang go di abelwa.
O ne a kgala mokgwa oo, a tlhalosa fa e le thulaganyo ya go ipatlela khumanego mme a rotloetsa banni ba ba neng ba tshologetse phuthego go emisa go rekisa ditsha, a re nako e jaanong ba tlaa bong ba batla ditsha dibalamakgolo di tlaa bo di supa fa ba kile ba fiwa ditsha.
Rre Mbayi o ne a tlhalosa gore fa dibalamakgolo di supa gore moikopedi o kile a fetisa setsha, leina la gagwe le tlaa bo le isiwa kwa tlase mo go ba ba emetseng go bewa.
Ka jalo a re go tlaa tsaya nako e telele gore moikopedi yoo a fiwe setsha se sengwe, mme a ba etleetsa go somarela ditsha go itsa khumanego.
A re bontsi bo supa fa ba rekisa ditsha lebaka e le gore ba palelwa ke go ditlhabolola, mme a supa fa lephata la bone le sa tseele batho ditsha ka dikgoka fa ba palelwa ke go di tlhabolola.
Rre Mbay o ne a supa fa lephata la bone le na le thulaganyo e e tlhomameng e e leng gore moikopedi fa a palelwa ke go tlhabolola setsha o ka e dira go tila go gapelwa.
Rre Mbayi o ne a tlhalosa gape gore lephata le letlelela temo-thuo e e tswakantsweng, a tlhalosa gore fa molemi a na le tshimo o letlelesega go ka e kgaoganya a lema le go ruela dihutsana mo go yone.
A re ke nngwe ya methale e puso e e letlelang gore banni ba ka e dirisa go tlhabolola matshelo a bone.
Fa a bua ka thulaganyo ya kabo ya ditsha, Rre Mbayi o ne a tlhalosetsa banni ba Ditladi gore thulaganyo ya bogologolo e e neng e letlelela moikopedi go ka tla kwa lekgotleng go supa fa a eletsa go ka bewa golo gongwe e sa tlhole e letlelelwa.
O tlhalositse gore moikopedi mongwe le mongwe fa a tsenya kopo a tsenngwa mo moleng wa baikopedi botlhe.
Rre Mbayi o ne a boa gape a tlhalosa gore molao wa bone o letlelela Motswana go ka nna le setsha se le sengwe fela mo Botswana, go sa kgathalesege gore se kwa toropong kana kwa legaeng. ENDS
Source : BOPA
Author : Bulukani Hubona
Location : DITLADI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 Nov 2018




