Breaking News

Bana ba tlhoka thuto ka bogole

29 Nov 2018

Thuto ka ba-na-le bogole e botlhokwa go tsibosa setshaba ka botshelo jo ba bo tshelang le dikgwtlho tsa bone.

Fa a buisa ba-na-le bogole ka ene kwa moletlong wa bone o o neng o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Nonotsha le go Tsaya Karolo

mo Tekatekanong le mo Ditlhabololong tsa Lefatshe le, kwa Kanye ka Labobedi, modiragatsi mo go tsa kgaso kwa Seromamoeng sa Botswana, Rre Ontiretse Maidi, o ne a re o eletsa go bona puso ya Botswana e fetotse lenaneo la thuto go akaretsa dithuto tsa ba-na-le bogole go tswa kwa moding.

Rre Maidi a re ba-na-le bogole ba bantsi mo Botswana, mme ba felela ba retelelwa ke go nna se ba batlang go nna sone mo isagong ka mabaka a go tlhaela ga ditlamelo.

A re fa thuto e ka simologa kwa moding, e ka tswela Batswana, mmogo le baithuti mosola ka ba tlaa felela ba itse go tshela le mo-na-le bogole, a tlatsa ka go re bana ba dikole ba rutwe fela le fa go sena ba ba tshelang le bogole kwa malwapeng gore ba nne le kitso ya gore mo-na-le bogole o tshela jang ka ba tlaa kopana le bone ba ntse ba tsweletse le botshelo.

Rre Maidi o ne a gwetlha ba-na-le bogole go nna le mowa wa boipelego ba lese go batla go direlwa sengwe le sengwe ke batlhokomedi le puso. O ne a ba gwetlha gore ba supetse batlhokomedi ba bone gore ba batla go direlwa jang, ba tlhoka thuso e e ntseng jang le gore ba akanya jang.

O ne gape a ba tlhalosetsa fa ba ka ikgolaganya le ofisi ya boipelego le mokhanselara  fa ba tlhoka thuso, a tlatsa ka go re fa ba filwe sebaka ba se dirise.

Rre Maidi o kgothaditse ba-na-le bogole go itshepha le gore ba lese go batla go tlhomogelwa pelo.

A re dikgang tse ba-na-le bogole ba kopanang natso di ngomola pelo, bogolo jang tsa marato.

O ne a ba kgothatsa gore fa ba thapilwe ba seka ba nna fela ba sa bereke ba beile mo go reng ba tlaa tlhomogelwa pelo ka gore ke ba-na-le bogole, ka jalo o ne a ba kgothatsa go tsenya marapo dinameng go supa bokgoni jwa bone.

O ne a ba  kgothatsha go nna le kgatlhego le go inaakanya le polotiki ka fa ba na le kemedi ya mo-na-le bogole mo go tsa sepolotiki o ka kgona go ba buelela botoka ka o tlaa bo a bua ka se a se itseng botoka.

O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore ba inaakanye le sepolotiki ka go ka ba fa sebaka sa gore ba supe gore ba batla go tsewa jang.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang moletlo wa ba-na-le bogole wa Gamaila, Rre Makgekgenene Kwape, yo le ene a tshelang ka bogole, a re go botlhokwa gore ba bewe mo seemong sa gore ba amogelesege mo setshabeng gore ba tswe kwa mahure.

A re e le ba komiti e ne ba bona go le maleba gore ba akaretse ba-na-le bogole mo ditirelong tsotlhe tsa letsatsi leo gore le bone ba tsee karolo mo go tsamaiseng letsatsi la bone, ka jaana le bone ba na le ditaletnte.

Rre Kwape o ne a tlhalosa fa ba le mo lenaneong la 2030 gore e le ba-na-le bogole ba bo ba fitlheletse dilo dingwe ka ngwaga oo.

O ne a supa matshwenyego a ba kopanang le o ne a tshwana le; matlwana a boithomelo a a beilwe kwa motsheo e bile a le kgakala, ka jalo o ne a kopa gore ba beelwe matlwana gautshwane a atamediwa  dikago kwa ba tlaa sekeng ba tsamae sekgala se seleele fa ba a latela.

Mogolwane wa ofisi ya boipelego le tlhokomelo matshelo a batho wa khansele-potlana ya Kanye mme Rose Mokomeng a re maikaelelo a letsati leo ke gore ba-na-le bogole ba tsee karolo mo go tlhaloganyeng gore ditshwanelo tsa bone tsa reng, le gore mo ditlhabololong tsa lefatshe ba ka tsaya karolo efe.

A re ba-na-le bogole ba akareditswe mo bukaneng ya ditshaba  ya 2030.

A re go nonotshiwa ga bone go ba thusa gore ba bone gore ditlhabololo tsa lefatshe di ba tsholetse eng, gore ba bone gore fa ba bua ka botshelo ba akarediwa mo go ntseng jang, fa ba bua ka ditshwanelo tsa bone ba bua ka ditshwanelo eng. ENDS

 

Source : BOPA

Author : Khumoyame laetsang

Location : KANYE

Event : Moletlo

Date : 29 Nov 2018