Kgosi o kopa batsadi ba Maboane go tlhokomela bana
28 Nov 2018
Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane kwa kgaolo-potlana ya Letlhakeng o gwetlhile batsadi go emela bana ka dinao ka go ba fa tlhokomelo e e maleba.
Mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, Kgosi Phuthego o supile ngongora kgatlhanong le batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana e bile ba ba phuagantse kwa malapeng ba nna ba le nosi.
A re e re ka motse wa Maboane o dikaganyeditswe ke dipolasi tsa balemi-barui, batsadi ba tlogela bana mo malapeng ba ya go bereka kwa dipolasing.
O botseletse fa se se ngomolang pelo e le go bo bana bao ba le dingwaga tse di kwa tlase, a supa fa bangwe ba bone ba dira lekwalo la boraro.
A re bana bao nako e ntsi o fitlhela ba tlhokomelwa ke bomogoloabone ba le bone ba santseng ba le bannye ba le ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le motso.
Kgosi o kaile fa batsadi gape ba ntsha bana mo dikoleng go ya go bereka le bone kwa dipolasing, selo se a supileng se utlwisa botlhoko le go feta.
A re o lekile bojotlhe go bitsa diphuthego kwa kgotleng go tla go kgalemela batsadi mme a bolela fa batsadi ba seke ba itshwenya go tla.
Kgosi o ne a kopa batsadi go ikaga le go fa bana tlhokomelo e e ba tshwanelang.
O rotloeditse batsadi go itshwaraganya le barutabana go pataganela go godisetsa ngwana mo thutong ka e le botlhokwa e bile e le bokamoso.
O ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke maduo a sekole se sebotlana sa Maboane a a supileng a le kwa tlase mme a dirwa ke go tlhoka go rotloetsa bana go ithuta ga batsadi.
Kgosi o ne a tsibosa batsadi ka botlhokwa jwa go tlhaloganya ditshwanelo tsa bana, a kaya fa e le molato go rontsha ngwana tshwanelo ya go tsena sekole ga mmogo le go mo fa tlhokomelo.
O tlhalositse fa ba lekile go biletsa batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana kwa kgotleng mme a supa fa maiteko a bone a itaya se fololetse ka ba gana go iponatsa.
A re maikaelelo a bone ke go latela batsadi bao kwa dikgotlaneng tsa bone gore ba ye go ba kgalemela.
Kgosi o ne gape a supa fa a tshwentswe ke batsadi ba ba nwang mme morago ba felele ba sa itshware sentle fa pele ga morafe le bana.
A re batsadi bao ba tsogela kwa malapeng a a rekisang bojalwa jwa ‘power’ jo a supileng bo sa letlelesege.
O kopile batsadi go ikaga gore ba tle ba tlhagolele bana tsela ya botshelo jo bo siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitseone Tlhware
Location : MABOANE
Event : Potsolotso
Date : 28 Nov 2018




