Breaking News

Tumelo e ka faposa batho dihawa - Nabuasah

28 Nov 2018

Mookamedi  wa kereke ya Roma kwa Francistown Bishop Frank Nabuasah o tlhalositse fa tlhomamiso e le botlhokwa ka e atumetsa motho gaufi le Modimo.

Bishop Nabuasah o buile jaana bosheng jaaka ba kereke ya Roma ya Sedibeng kwa Molepolole ba ne ba tlhomamisa maloko a kereke ba ba ntseng ba le mo dithutong tsa go tsepama mo tumelong.

O supile fa go le botlhokwa gore batho ba tlhomame mo tumelong  ka go dira jalo e le go ipatlela selotlolo sa go bula le go ipatlela manno kwa legodimong.

A re fa motho a tlhomamisiwa, o a bo a neelwa sebaka sa go bulela Modimo pelo gore a bue le ene, a mo reetse a bo a mo direle ka dinako tsotlhe ka go baya botshelo jwa gagwe mo ene.

O tladitse ka go re motho o a bo a  neelwa thata e e tswang mo Modimong gore a kgone go tshelela Morena Jeso ka nako tsotlhe.

O gwetlhile maloko a Roma ya Sedibeng a a neng a tlhomamisiwa go somarela selotlolo se ba sa tswang go se neelwa, a kaya fa e le sone tsela le boammaruri  gore ba kgone go bona bokamoso jo bontle.

A re go botlhokwa gore ditsela tsa Modimo di salwe morago ke balatedi ba gagwe e bong Bakeresete gore ba tle ba bone botshelo jo bo sa khutleng.

Moruti o gateletse fa Modimo a sa batle sepe se sentsi mo mothong fa e se pelo le botshelo jwa gagwe gore a tle a kgone go bua le ene, go mmontsha se se molemo le se se bosula.

E rile fa tlhalosa ka botlhokwa jwa tlhomamiso, modulasetilo wa komiti ya kereke eo Rre Mogakolodi Raborokgwe, o supile fa seo e le go tiisa botshelo jwa motho jwa sekeresete.

A re tlhomamiso e thatafatsa kgolagano ya motho  le Morena Jeso mme e bile e godisa le mowa o oboitshepho mo mothong.

A re ka tlhomamo, mowa o o boitshepho o neela maloko thata ya go godisa tumelo ya Roma mo matshelong a bone.

Rre Raborokgwe o ne gape a tlhalosa fa tumelo e kopanya morafe go ka obama mme a gatelela gore mo kobamelong, tumelo e a ntshafadiwa. ENDS

Source : BOPA

Author : Tshephang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : tlhomamiso

Date : 28 Nov 2018