Tona o akgola Mahalapye VDC
28 Nov 2018
Komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Mahalapye e akgoletswe go supa mowa wa setho wa gore motho ke motho ka ba bangwe.
Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e akgola maiteko a a dirilweng ke maloko a komiti ya ditlhabololong tsa motse go thusa mongwe ka bone.
O buile jaana kwa Mahalapye ka Labobedi jaaka a ne a rolela Mme Gasenamong Kenti wa kgotla ya Dilaene Bophirima ntlo e e agilweng ke VDC.
Mme Tshireletso o lebogetse tiro e a re, “Go itse go lemoga letlhoko la morafe o le o eteletseng pele ke konokono.
Le dirile gore a nne a sireletsegile a na le seriti.
O tlaa robala boroko kgoro!
A sa kgorelediwe ke diemo tsa loapi.”
O gakolotse ka botlhokwa jwa go somarela dithoto tse ba di kgobokantseng e se re kamoso ba iphitlhela ba le mo legoeleleng ba fetogile batlhoki.
Mme Tshireletso o supile botlhokwa jwa gore batsadi ba rute bana mosola wa go tlhokomela dikhumo tse ba di ba diretseng gore ba seka ba fetoga batlhoki le go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi ba bone.
A re bangwe e nna batlhoki ka go bo ba tshotswe mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase fa bangwe ba dirwa ke go palelwa ke go tlhokomela dikhumo tsa bone.
“O ka nna moabi gompieno mme e re kamoso o fetoge moabelwa.
O seka wa lebala gore se o se tshwereng tsatsi leno e kare la kamoso le tlhaba se bo se seyo, se go dule ka phatlha tsa menwana, thusa ba bangwe gore le wena kamoso o thusiwe,” ga tlhalosa Mme Tshireletso.
Mme Tshireletso a re o tlaa gakolola dikomiti tsa ditlhabololo tsa mafelo a mangwe go tla go ithuta kwa go bone.
“Lotlhe ba le nnileng le seabe mo tirong ke akaretsa VDC, bagwebi, baeteledipele ba motse le morafe, ke le akgolela seabe sa lona mo go tokafatseng matshelo a ba bangwe,” Mme Tshireletso a supa.
Fa a leboga, Mokhanselara Reuben Kgomotsego wa Ngakaagae a re keletso ya gagwe ke gore botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo, ba tswelele le go thusa ba bangwe ba ba tlhokang thuso.
“A re tsweleleng ka go tshwaraganela ditiro tsa kgaolo ya rona,” Rre Kgomotsego a gakolola.
Modulasetilo wa komiti e e okametseng dikomiti tsotlhe tsa ditlhabololo kwa Mahalapye, Mme Oreeditse Thwabi a re tiro e e dirilwe ka ntlha ya kutlwelobotlhoko, bopelotlhomogi le boithaopo.
Mme Thwabi a re Modimo o tlhodile batho ba sa lekane ka thata ya go itirela mme go botlhokwa go thusa ba bangwe. A re tiro ya go aga ntlo e simolotswe ka mogwanto wa go kokoanya madi le go kopa dithuso. ENDS
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Tholo ya ntlo
Date : 28 Nov 2018




