Breaking News

Mokgatlho o kopa go emiwa nokeng

27 Nov 2018

Lekgotla la Changing Lives la bopelotlhomogi mo Selebi Phikwe le tsweletse ka go thusa go ntsha banana mo go inaakanyeng le borukutlhi le go dirisa diritibatsi le nnotagi.

Se se builwe ke mosimolodisi wa lekgotla, Rre Wabuya Seisa mo potsolosong le BOPA.

A re lekgotla le tlhamilwe le go kwadisiwa semmuso ka 2015.

Rre Seisa o tlhalositse fa maitlamo a lekgotla e le go thusa dikhutsana le banana ba ba tlhokileng lesego gore ba kgone go bona ditlamelo.

A re Changing Lives e dira ka baithaopi ba banana ba le lesome, bomme ba le babedi le borre ba fera bobedi.

Rre Seisa a re lekgotla la gagwe le kgonne go thusa bana ba palo e e rileng ba ba neng ba tlogetse sekole go itebaganya le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi.

O boletse fa mo nakong ya gompieno ba itebagantse thata le kgaolwana ya Botshabelo mo Selebi Phikwe, kwa ba lemogileng fa go na le bana ba le bantsi ba ba tlhokang thuso.

O boletse fa lekgotla le tsena ntlo le ntlwana go batla bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme ba ba golaganye le ba ofisi ya boipelego gore ba neelwe ditlamelo.

O tlhalositse fa Changing Lives e neela bana dikgakololo, dikgothatso ga mmogo le go ba ruta ka botlhokwa jwa thuto.

Rre Seisa o boletse fa lekgotla le tshwenngwa ke batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi mo malwapeng.

A re se, se dira gore bana ba felele ba sa tsene sekole sentle, go dirisiwa botlhaswa ga mmogo le go ikamanya le ditiro tsa borukutlhi.

O kopile thotloetso le kemo- nokeng gore le kgone go diragatsa maikaelelo a lone.

O boletse fa maitlamo a lekgotla le a kgorelediwa ke letlhoko la madi ga mmogo le go tlhoka lefelo le ba ka direlang mo go lone.

Rre Seisa o ikuetse mo dikhamphaning tse di ikemetseng le maphata a puso go tswa lekgotla thuso gore le tle le kgone go diragatsa maikaelelo a lone.

O tlhalositse fa bana e le bokamoso jwa lefatshe mme ba tlhoka tlhokomelo e e rileng gore ba kgone go tsoga ba eteletse pele le go tlhabolola lefatshe leno.

Rre Seisa o kopile batsadi go tlhokomela bana gore ba tsoge e le batho ba ba nang le boikarabelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2018