Gotsena sekole kgakala le ditlamelo ga se sekgoreletsi
27 Nov 2018
Lephata la boipelego le tshwaragane le ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ipeletse maduo a bana ba ba nnang kwa dikoleng go tswa fela kwa thutong ya motheo go fitlhelela kwa mmadikole.
Se se diragetse kwa bokopanong jwa dikgaolwana tse supa tse di agang kgaolo ya legare, tse di neng di kopantse kemedi ya dikomiti di le 222 tsa ditlhabololo tsa metse, tse di eteletsweng pele ke e tona di ferabobedi.
Mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse jwa go atswa le go leboga dikomiti tse di dirireleng ka botswerele mo dikgaolwaneng tse tharo ebong komiti e e gaisitseng mo ditsamaisong le tsotlhe tse ditlhokegang, ya matlo a borobalo a baithuti ba dikole tsa tengnyanateng le baithi ba ba gaisitseng mo lekwalong la botlhano ka matshwao a a kwa godimo.
Komiti ya ditlhabololo e e neng ya fenya ya nna Boikago kwa Palapye mme ya iponela P7 000 le sejana, ya latelwa ke ya Xhumo kwa Boteti yone ya gapa P5 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Thabala mo kgaolong ya Serowe mme bone ba bona P3 000 le sejana.
Mo karolong ya bobedi ya matlo a boroko jwa baithuti, Otse e ne ya bona maemo a ntlha ya fiwa P3 000 le sejana, a bobedi a bonwa ke Mosu ya fiwa P2 000 le sejana fa a boraro a ne a ya kwa Mokubilo e bona P1 000 le sejana.
Karolo ya boraro ya moithuti yo o gaisitseng mo ditlhatlhabong tsa mophato wa botlhano maemo a natlha a gapiwa ke Olerato Nkhumisang wa Dimajwe yo o fentseng ka dintlha di le masome a mane le borataro points, a latelwe ke Resego Baileng wa Gojwane yo ene a fentseng ditlhatlhobo ka dintlha di le masome a mane le bone fa
Charnelle Maposa wa Maposa le ene a fentse ka dintlha di le masome a mane le bone.
Boraro joo, bo ne jwa atswiwa ka P1 300 le seetsele mongwe le mongwe wa bone. Fa a ba ema ka lefoko, modulasetilo wa khansele -potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme a re ke nako ya gore ba-tsaya karolo botlhe mo ditlhabololo tsa lefatshe ba itshekatsheke seabe sa bone mo ditlhabololong tsa lefatshe.
Rre Kooreme a re dikomiti tsa ditlhabololo di tswe mo go nneng bahiri le balaodi ba Ipelegeng, ka e se yone tiro ya bone ya konokono, tiro kgolo ya bone ke go bona gore metse e tlhabologa jang le go tsenya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba le tsa magae mo tirisong ka maikaelelo a go tlhama ditiro tsa seneelaruri go thusana le puso go lwantsha letlhoko la ditiro.
O supile fa le makhanselara boikarabelo jwa bone e le go gakololana le dikomiti ka se se ka dirwang go tlhabolola dikgotla tsa bone le go tlhamela banana ditiro.
Rre Keoreme a re lenaneo la ditlhabololo tsa ditogamaano le tshotse go le gontsi mo dikomiti tseo di ka go anyang go tlhabolola metse le go tlhama mebereko.
A re a dikomiti di tswe mo go beeng fela mo phirisong ya matlo a boroko. O akgoletse World Bazaar Palapye go tsenya letsogo mo tirong ya bokopano joo a re seo ke go kgaogana le setshaba se ba se robang mo go bone.
A re tiro ya boipelego e kgolo go tlhokomela matshelo a batho mme a supa fa e le pitso go direla lephata leo ka le tlhokana le motho yo o boineelo gape a le pelotelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : bokopano jwa DIkomiti
Date : 27 Nov 2018




