Breaking News

Palapye PR Cash and Carry e shwele

27 Nov 2018

Mapodisi a Palapye a tlhotlhomisa go shwa ga lebentlele la Palapye la PR Cash and Carry le le jelweng ke molelo la bo la lora bosheng.

Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a Palapye Superintendent Waboraro Ramaja o rile ba ne ba begelwa tiragalo eo Ngwanatsele a tlhola masome a mabedi le bongwe ka nako ya botlhano tshokologo mme ya re go tsibogela pego, ba fitlhela lebentlele leo le kapile molelo lotlhe e bile o jweleletse mo madirelong a a mabapi a le mararo.

Supt. Ramaja o supile fa dithoto tsotlhe tse di neng di le mo marekeitsong ao di ne tsa lora mme a re ba santse ba emetse pego mo go beng ba lebentlele leo gore selekanyo sa tshenyo e ka nna bokae.

“Mo bogompienong ga re ise re itse tlhwatlhwa ya dithoto tse di senyegileng ka gore beng ba lebentlele leo ba supile fa dipampiri tsa sesupo sa dithoto tse di amagileng le tsone di jelwe ke molelo,” a tlhalosa jalo.

O begile gore tiragalo e ga e a gapa botshelo bope le fa e le dikgobalo dipe.

Supt. Ramaja a re mapodisi ba tshwentswe ke gore batho ba rata go kokoanela lefelo la kotsi jaaka la molelo mo go leng borai ka go kgona go bo go na le dilo tse di thunyang.

O gakolotse beng ba madirelo go netefatsa ka nako tsotlhe gore ba na le ditimamolelo mo madirelong le go di baa ka kelotlhoko mo o rileng go ka thusa gore molelo o lwantshiwe ka bonako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2018