Leina la Kgosi ya Lesenepole le santse le padile
27 Nov 2018
Banni ba Lesenepole ba paletswe ke go ntsha leina la yo o ka nnang kgosi ya motse oo morago ga gore o tlhomamisiwe ka fa malaong go nna motse.
Lesenepole ke motse o o agilweng ka dikgotlana tsa tetlanyo di le nne, ebong Matoposana, Raphiri, Moremi le Lesenepole tse tsotlhe dikgosana tsa teng di leng mo maemong a le mangwe, mme go supega go tlhokega gore go nne le kgosi ya maemo a magolwane e e ka okamelang dikgotlana tse.
Seo se ne sa pateletsa gore e re morago ga go tlhomamisiwa ga motse, magosi go tswa kwa Serowe ba ikopanye le banni ba motse gore ba ntshe leina la yo ba bonang a ka etelela motse pele.
Ba lekalana la dikgotla tsa Setswana go tswa Serowe ka fa tlase ga lephata la puso selegae, ba emetswe ke mothusa kgosi wa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse ba ne ba kopane kwa Lesenepole bosheng go ya go kopa leina la yo o ka nnang kgosi, go imolola kgosi wa Maunatlala, Kgosi Phoophoo Mapena yo o ntseng a tlhokometse motse oo.
Kgosi Seretse o ne a supa fa a tla ka thomo, go tla go tsaya leina la yo ba eletsang a ka nna kgosi.
O ne a tlhalosa fa a ya go tlhoka leina le le lengwe le a ka le tsayang go ya go rurifadiwa morago ga ditshekatsheko tse di tlaa dirwang ke ba lephata la gagwe.
O ne a re phatlha ya bogosi e nngwe fela, mme e bile ka tsamaiso ya tsetlana ya tsamaiso ya bogosi e letla gore go ka ntshiwa leina ke beng ba motse ba le mo seemong se ba neng ba le mo go sone mo kgotleng.
Kgosi o ne a kopa gore go dirwe seo ka neelano, lerato, tlotlano le go nna seopo sengwe.
Rre Dithonamo Motsamai e le mogolwane wa motse, o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopanela morero le morafe wa Lesenepole jaaka bogosi jwa ga Mmamangwato bo ne bo kopile, mme morafe wa tswa ka maina a le mabedi a dikgosana tsa tetlanyo, ebong Rre Ikalaheng Senwedi le Rre Kgosiemang Kebuamotse.
Bobedi joo, ke dikgosana tsa tetlanyo, Rre Senwedi o tswa kwa Moremi fa Rre Kebuamotse e le wa Lesenepole.
Morafe o ne wa fiwa sebaka go itebagnaya le kgang e ba e beilweng pele, mme kgang ya phagela mongwe le mongwe yo o emang a supa ka fa ditso di ntseng ka teng le gore ke mang yo bogosi bo mo tshwanelang ka mabaka afe.
Bangwe ba ne ba ntsha leina la ga Kgosana Senwedi fa ba bangwe ba ne ba re Kgosana Kebuamotse.
Mabaka mangwe e ne e le gore Rre Senwedi o tswa kgakala a wa a tsoga le bone ba sena kgosi, fa bangwe ba ne ba re Rre Kebuamotse ka e le ngwana wa lesika la bogosi jwa Lesenepole.
Rre Chepete Chepete o ne a supa fa motse wa bone o sa robalelwa ke ditlhokwa, mme a batla go itse gore ka fa tsamaisong ya bogosi go dikarolo tse pedi, kgosi e ka nna ya letsalo kana ya tlhopho, mme fa go welwa mo tsamaisong ya tlhopho go tlaa re batho ba fiwe sebaka go itlhokoletsa tlhopho. O ne a latelwa ke Dr Pipedi Tshekiso yo o neng a tlhalosa fa bogosi jwa motse wa bone e le jwa matsalo, mme a wela ka go re kgosi ke kgosi ka morafe, go latelwe tsamaiso ka kgololesego, boammaaruri le go direla dilo mo pepeneneng kwa ntle ga go soka dirope.
Mothusa mokwaledi wa lephata, Rre Duke Masilo o ne a supa fa ba utlule mme e bile ba tlhaloganya dikgang tsa motse wa Lesenepole mme a re mo maineng a mabedi a a ntshitsweng, morongwa e bong Kgosi Seretse o tlaa ya go a bega.
A re mo lefatsheng leno sengwe le sengwe se dirwa go setswe molao morago.
Kgosi Seretse o ne a re o tlaa busetse kgang kwa go ba ba mo rumileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : LESENEPOLE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 27 Nov 2018




