Breaking News

Gasebonwe o ipelafatsa ka kgwebo ya temo ya ditlhare

27 Nov 2018

Puso e tsweletse ka go otlolola letsogo go ntsha Batswana mo lehumeng ka go ba fa mananeo.

Mme Gaboratanelwe Gasebonwe ga a aka a batla go nna phokoje yo o kwa morago mme a atlarela lenaneo la temo ya ditlhare.

Mme yo o dingwaga tse di masome mane le bone, a tlholega kwa Pitsane, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore lorato lwa  gagwe lwa ditlhare lo simolotse a santse a le kwa sekoleng se sebotlana.

O tlhalositse gore o ne a nna le rraagwemogolo kwa Lejwana, mme e ne e re a tswa sekoleng a bo a tla a kgetlile kalanyana nngwe ya setlhare sa leungo mme a se jwale se be se gole se ungwe se jewe, mme a lemoga fa se e le mpho e a e filweng ke Modimo mme a tswelela fela jalo ka go rata ditlhare le go di lema.

Mme Gasebonwe a re ka 2012 o ne a tsena thuto-puisanyo ya nyeletso lehuma kwa Dikhukhung kwa a neng a rutwa ka go tsamaisa kgwebo, mme morago ka 2013 ba lephata la dikgwa ba mo isa sekoleng a ya go rutwa go lema ditlhare kwa sekoleng sa temo-thuo mo Gaborone sebaka sa beke.

A re fa a sena go aloga o ne a kopa setsha sa kgwebo mme ka lesego a atlega a bewa mo Dinatshana, mme ka 2015 ba ofisi ya nyeletso lehuma ba mo fa moriti o o sireletsang ditlhare, tanka ya metsi le ditlhare mme a semelela mo kgwebong.

Mme Gasebonwe a re o lema ditlhare tsa maungo, moriti le dithunya di tshwana le morula, apole, pere, moologa, motlhware, mokgwapha, rose, lily le tse dingwe fela jalo.

O tlhalositse gore o dirisa mmu wa ditlhare tse di tlhogang mo matlapeng go jwala dithare tsa gagwe, fa tse dingwe a di tlhoma mo motlhabeng fa a sa batle go di tlhoma mo dikhakheng morago a di tlhomololole.

O rile kgwebo ya temo ya ditlhare e tshwana le ngwana yo monnye, e batla lerato le tlhokomelo e e tseneletseng go atlega, ka jalo o rwala masigo thogo a ya kwa tshingwaneng ya gagwe go lekola le go di nosa letsatsi le letsatsi.

A re kgwebo ya gagwe ke ya paka go ya pakeng, a tlhalosa gore ditlhare tse fa di nole metsi mo mosong di a itumela mme di rutlomologe, mme fa go le mogote o di nosa ga bedi, gore di seka tsa swaba.

O rile le fa theko e se kae mo kgaolong e ne ke moswela dikano yo o itlamileng gore ga a ke a  ineele mo kgwebong e, e bile ba lephata la dikgwa ba mo kgothatsa le go mo rotloetsa go tshwara ka thata ka kgwebo e le selo se se batlang bopelotelele.

A re phetogo mo botshelong e a bonala ka a kgonne go tsenya bana sekole, ka go ba rekela paka le dijo.

A re kgwebo ya gagwe ga e ise e kwadisisiwe mme keletso ke gore mo tsamaong ya nako fa madi a letla a e kwadise a bo a ipapane ka methale e e tlhabologile jaaka go dirisa dikarata.

Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho o tlhaolositse gore letlhoko la metsi ke lone le emisang kgwebo le diji di tshwana le dipeba di a mo senyetsa.

Mme Gasebonwe yo go bonalang e le mmadimphompho a re fa a ntse a tsweletse le kgwebo o eletsa go e tswakanya ka ya go dira mekgabisa ya ditlhare mo matlapeng e a supang a e itse le yone.

O kopile Batswana go mo ema nokeng ka go reka ditlhare tsa gagwe gore kgwebo e seka ya phutlhama, ka Motswana a rile mabogo dinku a a thebana.

O kopile Batswana go dirisa monyetla o ba o fiwang ke puso wa maneneo a nyeletso lehuma, a tlatsa ka go re ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong.

A re o ipelafatsa ka lenaneo ka o a phatsima botshelo bo tsweletse.

A re se se mo utlusang botlhoko ke go bona mephato ya gagwe e enwa majalwa phetelela ba sa itirele sepe mme puso e otlolotse letsogo.

O lebogetse seabe sa puso go bo e mo thusitse ka gore botshelo jwa gagwe bo fetogile, a tlatsa ka go re le ba bangwe ba ba filweng mananeo matshelo a bone a fetogile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : DINATSHANA

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2018