Polao ya mosadi e tsositse diletseng
27 Nov 2018
Mosadi wa dingwaga tse di masome mararo wa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng go belaelwa a bolailwe ka go tsatsankwa ka sengwe se se bogale bosheng.
Matlhotlhapelo a, a tsositse kgaruru ka batsadi ba moswi ba supa sepodisi ka monwana, ba re ba diegile go tseela mmelaelwa dikgato.
Mo potsolotsong le BOPA, nkuku wa moswi, Mme Letlhare Raphotsana, a re o belaela fa tiragalo e, e gwetlhilwe ke go nna maoto a tshupa ga sepodisi go tsaya dikgato mabapi le go tlhoka go tshedisanya sentle ga moswi le mokapelo wa gagwe, yo go belaelwang e le ene modira dilo.
A re mo makgethong a le mmalwa ba ne ba begela mapodisi a Ngware ka ditiragalo di akaretsa dintwa tsa moswi le mmelaelwa, tse mo go tsone mmelaelwa a neng a loma moswi tsebe, go fisiwa ga dilwana tsa moswi le go neela mapodisi dithipa tse pedi tse mmelaelwa a neng a robetse ka tsone morago ga matshosetsi a polao.
Mme Raphotsana a re go tlhoka go tseela mmelaelwa yoo, yo o tlholegang mo kgotleng ya Bobididi kwa Molepolole dikgato ke gone go bakileng matlhotlha pelo a.
Mosadimogolo yoo, yo o dingwaga di masome a a robang bobedi le bobedi, a re o tshositswe le go hakgamadiwa ke go bona jaaka ngwana wa ngwana wa gagwe a ne a bolawa ka go tsatsankwa ka sengwe se go lebegang e le thipa.
Mme Raphotsana o tlhalositse fa mmelaelwa a tlhasetse bosigo gare ka go rubelela moswi, mme a mo tsatsanka makgetho a le mmalwa, a tswa a inaya naga, a mo tlogela a thuma mo boidiiding jwa madi.
Rre Gabobidiwe Moterebe o gateletse matshwenyego a gore mapodisi ba diegetse go tsibogela kgang eo, le mororo ba ne ba ntse ba itsesiwe ka yone gangwe le gape, mme go sa supege go na le kgato e e tsewang ka boitshwaro jwa mmelaelwa.
Ga twe lorato lwa bobedi joo, lo go kaegang lo simolotse ka 2010, go bonetse lo tsogetswe ke dikgang mo sebakeng sa ngwaga, mo go feletseng ka go bolawa ga mme yoo.Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Kesupile o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone go bolailweng mme wa dingwaga tse di masome mararo wa kgotla ya Selatlho kwa Ngware.
O dumetse fa bobedi joo, go tlhalosega bo kile jwa nna le kgang ya go tlhoka go utlwana e e feletseng e tshololwa ke mongongoregi kwa kgotleng ya Ngware.
A re mapodisi ba tshwenngwa ke bangongoregi ba ba tshololang dikgang tsa matshosetsi a dipolao, mme di felele ka botlhoko, kwa morago go supiwe mapodisi ka monwana.
Rre Kesupile o tlhomamisitse fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa kgotla ya Bobididi kwa Molepolole a ne a tshwarwa letsatsi le le latelang mo tshokologong kwa Botlhapatlou ka thuso ya sefofane sa mapodisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2018




