PSP o kopa kereke ya Eloyi go baya lefatshe mo thapelong
26 Nov 2018
Mokwaledi mogolo wa ga Tautona Rre Carter Morupisi o kopile maloko a kereke ya Eloyi go baya lefatshe leno mo dithapelong.
Fa a bua kwa moletlong wa go keteka letsatsi la matsalo a moeteledipele wa kereke eo ka Matlhatso kwa Palapye, Rre Morupisi a re thapelo e botlhokwa e bile e ka thusa baeteledipele ba lefatshe leno go goga mmogo ka tshwaragano.
O kopile maloko a Eloyi go tswelela ba tlotla moeteledipele wa bone Bishop Sekai Jakoba, a tlatsa ka go re baeteledipele ba tshwanetse go fiwa tlotlo.
A re boeteledipele jwa lefatshe leno le jone bo tshwanetse go fiwa tlotlo, a re moeteledipele wa lefatshe ke ene fela a filweng marapo a go busa.
A re lefatshe leno le thailwe ka mowa wa kagiso le kutlwano, ka jalo maloko a Eloyi ba rapele gore baeteledipele ba buse ka kagiso le kutlwano tse lefatshe leno le thailweng ka tsone.
Rre Morupisi yo e bileng e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matona o kopile maloko a Eloyi go rapelela pula.
Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Morupule, Rre Jordan Makhura o lebogile maloko a Eloyi ka tlotlo e kgolo e ba e fang Bishop Jakoba, a re go supa fa kereke ya bone e na le sekao le tebelopelo.
A re maloko a rapedise baeteledipele gore ba etelele lefatshe leno ka tumelo.
O ne a ba rotloetsa go tsamaya ba rera lefoko la Modimo mo go ba bangwe gore kagiso e lefatshe leno e tlhailweng ka lone e gole.
O akgotse bomme ba baruti mo kerekeng e, a re ba tshware ka thata ba gogele batho mo kerekeng.
Rre makhura o tlhalositse fa baruti ba tshwanelwa ke go tlotlwa ga mmogo le go tlhokomelwa, a tlatsa ka go re fa ba dira jalo ba tlaa segofala.
A re baruti ba filwe neo ya go ka buisana le Modimo ba kopela maloko a bone dithapelo mme phuthego yone e tshwanetse go tlhokomela moeteledipele wa yone gore a kgone a ba kopele kwa Modimong.
Bishop Jakoba ene o lebogetse dimpho tse di tswang ko malokong, mopalamente Rre Moiseraele Goya ga mmogo le Rre Morupisi.
A re go lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
Bishop Jakoba a re se ke tlotlo e tona e botsadi bo tlotlileng Eloyi ka yone.
A re o ne a sa solofela moletlo o o dirilweng ke maloko a kereke ya gagwe.
A re o santse a le mo kgakgamalong e tona e e tletseng boitumelo.
A re ga se la ntlha a fiwa mpho ke Rre Goya mme a setse a kile a amogela ditilo tse kereke ya gagwe e neng ya di amogela go tswa kwa go Rre Goya mme a leboga tlotlo le kemo-nokeng ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Moletlo wa go keteka letsatsi la matsalo
Date : 26 Nov 2018




