Lenaneo le diretswe go thusa batho - Markus
26 Nov 2018
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstatinos Markus o kgothaditse badiri ba lenaneo la Ipelegeng go tsaya lenaneo leo ka tlhoafalo ka jaana maduo a lone a bonala.
A re e re ntswa lenaneo leo e se tiro ya sennela ruri, bangwe ba a le itumelela ka jaana le ba tlodisite melatswana.
Mopalamente o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke banni ba Chanoga go lebogela badiri ba Ipelegeng tiro e ntle ya go phepafatsa motse.
Rre Markus o boletse fa puso e ne ya bona go tshwanela go simolodisa lenaneo le ka maikaelelo a go namola Batswana mo lehumeng.
A re o lemoga gore dituelo tsa lenano leo ga di a lekana mme a supa fa lemme le sa bolae ka jaana bangwe ba itiretse go le gontsi ka bonnye jo ba bo amogelang.
O kgothaditse banni gore ba seka ba nyatsa lenaneo leo mme ba tlhokomologe dipuo tsa ba ba le kgalang ba re puso e ja babereki ntsoma.
A re ba leboge fela gore ba malapa a bone ga ba lale le tlala e bile bana ba bone ba apara paka jaaka bana ba malapa a mangwe.
Mopalamente o ba kopile gape go dirisanya le batsamaisi ba lenaneo a re fa nako ya bone ya gore ba sutele ba bangwe e gorogile ba dire jalo go sena dikgogakgogano ka jaana moono e le gore bontsi bo akole lenaneo leo.
Rre Markus o ne a akgola bogogi jwa Chanoga bo eteletswe pele ke Kgosi Oateng Setlhodi a re bo supile boikarabelo ka jaana bo lemoga seabe sa lenaneo leo mo banning.
A re bogogi bo tshwanelwa ke go phophothwa legetla ka jaana bo rotloetsa banni go dirisa lenaneo sentle le gone go ba lemotsha botlhokwa jwa lone le maduo a lone mo motseng.
A re o eletsa metse e mengwe e ka tsaya malebela kwa Chanoga.
O kgothaditse le komiti ya motse e e leng yone e tsamaisang lenaneo go dira dilo sentle a re ba seka ba hira ka go kgetholola.
Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga a re o dirile tiro ya go nna jalo ka go lemoga seabe sa batho ba Ipelegeng mo ditlhabololong tsa motse.
A re go botlhokwa gore fa batho ba dira sentle ba akgolwe, ke ka moo ba ba diresteng dijo tsa motshegare go itumela le bone.
A re e re le ntswa lemme le ba le fiwang le sa lekane, ba kgotsofadiwa ke gore seo ga se a kgoba badiri marapo ka ba tsweletse ka go dira tiro ka bokgabane le boineelo.
A re ba supile fa ba ititeile sehuba go direla lefatshe la bone, a tlatsa ka go re go ka nna thona gore e le boeteledipele ba ititee nkidiane le ntswa ba bona ditiro tse dintle.
Kgosi o lebogetse gape ba kgotlana ya Kookale a re ba ba thusitse ka dijo gore moletlo wa bone o diragale.
Mongwe wa badiri ba Ipelegeng, Mme Bosiame Tlhogo le ene o ne a supa fa ba amogetse lenaneo ka oo-mabedi ka jaana ba lemoga mosola wa lone.
A re le tlhabolotse matshelo a malwapa a bone, a supa fa bana ba bone ba sa wele mo isong ka ntlha ya tlala.
A re ene le badiri ka ene ba lebogela puso go tla la lenaneo leo.
O lebogetse le bogogi jwa motse go lemoga maiteko a bone a re moletlo oo o ba tiisa moko go tswelela ba dira ka natla.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Meleko Lesole o lebogetse barulaganyi ba moletlo a re ba supile fa ba tsaya badiri ba lenaneo tsia.
A re ga se ba le bantsi ba ba ka dirang jalo mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : CHANOGA
Event : moletlo
Date : 26 Nov 2018




