Breaking News

Maidi o tlaa tsena moletlo wa ba-na-le bogole

26 Nov 2018

Ba-na-le bogole mo Kanye ba tlaa ipelela letsatsi la bone kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Moanamisa mafoko wa mokgatlho wa ba-na-le bogole wa Gamaila, Rre Mpho Kumako, a re moono mogolo wa letsatsi leo ke go lemoga mo-na-le bogole mongwe le mongwe lefatshe ka bophara.

Rre Kumako a re ba tlaa ipelela letsatsi la bone ka fa tlase ga setlhogo se se reng Mo-na-le  Bogole o Tshwanetse a Akarediwa mo Ditirong tsa Malatsi Otlhe.

O kaile fa ba bone go tshwanela gore e le ba-na-le bogole ba Kanye ba ithulaganyetse moletlo wa go ipelela letsatsi la bone, pele ga la mafatshefatshe.

O ne a supa fa seo se ba fa monyetla wa go itsane botoka le go arogana maele ka tse di ba tshwenyang.

A re bangwe ba ba tlaa tsenang moletlo oo ke Rre Ontiretse Maidi yo o itsegeng ka leina la Screamer mo Radio Botswana.

O tlhalositse fa Rre Maidi e tlaabo e le ene sebui sa tlotla, go tla go ba fa lefoko la kgothatso ebile e le la tsholofeelo gore ba ka kgona jang go tshela ka bogole.

Rre Kumako o ne a tlhalosa fa mongwe wa dibui gape e le Rre Makgekgenene Kwape, yo le ene a tshelang ka bogole yo o tlaa ba rutang ka melawana ya puso e e leng gore ba ka e nwa moro.

E re ka e tlaa bo e le letsatsi la go ipelela bo-na-le bogole, komiti e e rulaganyetsang moletlo oo e ne ya bona go tshwanela gore ba-tsaya karolo botlhe mo letsatsing le e nne ba-na-le bogole, seo e le tsela nngwe ya go leka go lemoga bokgoni jwa bone.

O tlhalositse fa ba abetse ba-na- le bogole ba ba mo dikgwebong ditendara tse di amanang le letsatsi leo gore ba tle ba kgone go itshetsa ba bo ba godise dikgwebo tsa bone ka lemme le ba tlaa atswiwang ka lone.

Rre Kumako a re letsatsi le le tlaa bo le ipelelwa ke ba-na-le bogole kana baemedi ba bone go tswa mo mafelong a a farologaneng jaaka Selokolela, Gasita,Lorolwane,Moshana, Lotlhakane East le metse e e mabapi.

O kaile fa moletlo o wa go ipelela letsatsi la ba-na-le bogole ba o tshwara ngwaga le ngwaga Ngwanatsele a le masome mabedi le bone, mme monongwaga ba le sutiseditse kwa go Ngwanatsele a tlhola masome a mabedi le bosupa ka mabaka mangwe.

Rre Kumako a re go tlaa bo go na le disupiwa tsa ba-na-le bogole ba ba mo dikgwebong, mme ba ba ikgapetseng maemo a ntlha go tsena ka a boraro ba tlaa atswiwa ka dimpho, a tlatsa ka go re ba tlaa bo ba kgaogantswe ga bebedi go na le bomme le borre ba phadisana ka bong.

E re le fa ba gatetse pele ka dipaakanyo tsa letsatsi le, Rre Kumako o ne a tlhalosa fa ba aparetswe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka batoloki ba ba-tlhoka puo, mo go feletsang go dira gore ba seka ba utlwana kana ba seka ba tlhaloganya dintlha tse di bewang pele kwa bokopanong jwa bone.

A re kgwetlho e nngwe e ba kopanang nayo ke letlhoko la dikoloi, ka le ba ngotlela go dira ditiro dingwe tsa mokgatlho.

Fa a wetsa, Rre Kumako a re go tshela ka bogole ga se phelelo ya botshelo, ka jalo o kgothatsa ba-na-le bogole ka ene gore ba seka ba ineela ka ba ka dira go gaisa ba ba senang bogole.

O ne gape a rotloetsa ba-na-le bogole gore ba seka ba ineela ka fa ba ka dira jalo, ba tlaa bo ba neela bogole sebaka sa gore bo ba gatelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Nov 2018