Breaking News

Thompho bopelotelele ke konokono mo loratong

26 Nov 2018

Mongwe wa mabutswa pele a Tonota mo kgaolong ya Legare, Mme Mapaseka Keotshephile, a re tlhompho le bopelotelele ke tsone konokono mo loratong e bile di ka hema dintwa le dipolaano mo barataning.

E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng Mme Keotshephile yo o dingwaga di masome a a ferang bobedi le motso o tlhalositse fa go le botlhokwa gore bakapelo ba itsane ka go dira jalo go ka thusa gore yo mongwe a lemoge fa yo mongwe a sa itumela, kgotsa a le mowa o o kwa tlase le ntswa a sa bue.

E rile a a fa sekai ka ene a tlhalosa fa a na le dingwaga tse di masome a mararo le bosupa mo nyalong le rre yo o setseng a seyo mo botshelong, mme e bile ba ise ba ke ba kgaogane.

A re seo se bakilwe ke tlhompho le bopelotelele, ka ba ne ba itshokela dikgwetlho tsotlhe tsa botshelo mmogo, go balelwa le motlha wa tlala mo lapeng mo ba neng ba sena dijo le madi.

A re ba ne ba godisa bana ba bone ba ba supang mmogo, ba ba setseng ba godile e bile ba mo thusa mo botshelong.

O buile fa borre e le batho ba ba sa fiwang kwa puong mme gantsi ba dirisa dikgoka mo loratong go fenya dikgang, mme se se baka dintwa tsa marato.

A re bomme ba tshwanetse go tlhaloganya borre mme ba seka ba ba felela pelo le go ba omanya thata.

A re bomme bone ke batho ba ba filweng kwa molomong mme go se motlhofo gore ba didimale go fitlhelela ba fenya kgotlhang.

O gateletse fa go le botlhokwa gore borre le bone ba tlhaloganye bomme le gore ba seka ba ba felela pelo, kgotsa go tsaya dikgang ka mafatlha gore kgang e ne modiga.

Mme Keotshephile o tlhalositse fa go tsietsana mo maratong e se go supa tlhompho mo mokapelong, mme se se baka go thubega ga marato, dintwa le dipolao tota.

O gateletse fa go ya ka Baebele Modimo o bopile monna e leng Adamo, mme morago wa mmopela Efa gore a nne mosadi wa gagwe yo o esi, go supa fa le Baebeble e rotloetsa gore monna a nne le mosadi a le mongwe fela.

A re go nna matlhomaltho go ka rotloetsa gape kanamo ya malwetse a tshwana le HIV/AIDS.

O kaile fa lorato e le sethunya le tlhokana le go nosediwa, ka jalo go le botlhokwa gore baratani ba tlakisane mo leratong ka go rekelana dimpho, go etela mafelo a mangwe kwa ba iphokisang phefo teng, jalo jalo. A re se se tlaa ba thusa go nosetsa lorato lwa bone le go ba lapolosa ditlhaloganyo, mme e bile ba tlaa bopagana jaaka ngatla ya dikgong.

O tlhalositse fa batho bangwe ba tsenela mo maratong madi, dithoto le poko tota, mme se e se sone ka lorato e se papadi, mme e bile lorato lo tshwanetse go tswa mo botennye jwa pelo.

O buile fa go le botlhokwa gore baratani ba bitse batsadi, baruti, ba masika jaaka borakgadi, bomalome kgotsa bagolo fela ba motse go ba thusa go rarabolola dikgotlhang tsa bone, a re se se ka hema dintwa, ditlhalo kgotsa dipolao.

O rile go itlhaganelela go tsena mo maratong ga bana ba segompieno e santse e le bokgwamashi le gone go oketsa mekubukubu.

O kgadile batsadi ba ba rotloetsang bana go tsena mo maratong ba sa le bannye e bile ba direla mo mathong a bone a kaya fa se e le go tlhoka boikarabelo ga batsadi, mme e bile go dira jalo ba ka tsoga ba lelela kgama le mogogoro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : TONOTA

Event : Potsolotso

Date : 26 Nov 2018