Bakgweetsi ba khansele ba intsha leswe dinaleng
26 Nov 2018
E re ka puso le dikhamphani tse di ikemetseng ba thubile lobelo go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong gore ba tshele matshelo a a eletsegang, bakgweetsi ba khansele-potlana ya Hukuntsi, le bone ba ne ba intsha leswe dinaleng jaaka ba ne ba abela Mme Keikanyamang Setshogo, wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le boraro pompo ya metsi.
Fa a rola mpho eo kwa kgotleng ya Ga-Thaga kwa Hukuntsi, modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage, o ne a iteela bakgweetsi bao legofi ka jaana a re ba itiretse leina le lentle, e bile ba tsholeditse serodumo sa khansele ya bone.
Mme Tlhage a re ntswa khansele e filwe boikarabelo jwa go fa batlhoki ditirelo dingwe, ka maswabi seo ga se bonolo ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
A re ditirelo dingwe di tshwana le kgokelo ya metsi, terata , le kago ya matlwana a boitiketso, khansele ga e kgone go di dira ka nako e nngwefela fa motlhoki a abelwa ntlo, mme ka lesego, komiti e ya bakgweetsi, e thusitse go tswala phatlha ya ditirelo dingwe tse di sa kgonagalang.
O ne a gwetlha maphata le dikgwebo go lwantsha lehuma mo dikgaolong.
Mme Tlhage a re kgaolo e tlhaelelwa ke metsi, mme a kopa ba lapa la ga Mme Setshogo gore ba nne ka tsholofelo go fitlhelela seemo se boela mo taolong gore ba tle ba kgone go akola mpho ya bone ka tshosologo.
Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Joseph Banyatsang, a re metsi ke konokono ya botshelo jwa sebopiwa sengwe le sengwe, ka jalo bakgweetsi ba ne ba ikaegile ka go diragatsa dikeletso tsa letshego la tebelepele ya 2016 ka go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka matshelo a ba bangwe.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa komiti ya bakgweetsi, Mme Lydia Dipitse-Kgopiso, o supile fa ba ne ba simolotse ka go kokoanya madi mme ba rekele badiri ka bone dimpho tsa tsamaya sentle fa ba tlogela tiro kana ba ya go berekela kwa dikagolong di sele, mme ka maswabi a re ba seka ba kgona maikaelelo ao, mme ke gone ba neng ba bona gore lemmenyana le ba neng ba setse ba le kgobokantse ba direle mongwe sengwe sa sennela ruri.
A re ka jalo, ba ne ba ikgolaganya le ba ofisi ya mothusa mokwaledi wa khansele le ba boipelego mme ba neelwa lapa la ga Mme Setshogo.
Leloko la komiti eo, Rre Pro Motsaatlhobolo, o ne a tlatsa ka go re ntswa ba ntshitse ga tshwene go ka araba selelo sa ga Mme Setshogo ba tshwenngwa ke gore seemo sa metsi mo kgaolong ga se a iketla.
O ne a gwetlha boeteledipele jwa khansele gore ba ba sekasekele gore Mme Setshogo le ba lapa la gagwe ba ka thusiwa jang, go tsweledisa leina le lentle le komiti e sa tswang go le direla khansele go santse go lebeletswe phetogo ya seemo sa metsi.
Fa a tswa la gagwe, Rre Olebile Leswape, o ne a leboga komiti eo, ka tiro e ba e diretseng motsadi wa gagwe, mme a ba eleletsa masego le matlhogonolo mo matshelong a bone.
Mo mafokong a gagwe a malebo, modulasetilo wa komiti ya boipelego, mokhanselara wa Lehututu/Maake, Mme Judith Matebu, o ne a iteela komiti eo legofi ka tiro e ba e dirileng mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa o wa popagano le lorato go ka thusa ba ba tlhokileng lesego. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Kabo ya dimpho
Date : 26 Nov 2018




