Tlhokomelo lefatshe ke ya batho botlhe
26 Nov 2018
Boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe ke jwa botlhe.
Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Baleki Sebutle, o boile seo a bula thuto-puisanyo e maikaelelo a yone e neng e le go bona gore ba ka thusana jang mabapi le dikopo tsa batho ba ba faphegileng jaaka ba-na-le bogole, bomme, banana le botlhe fela ba ba tlhokang thuso ya potlako.
Fa a supa maitemogelo a bone, mogolwane kwa lekgotlaneng la kabo ditsha Mme Barona Lerotsi o ne a supa fa dikopo tsa banana le ba-na-le bogole tse di tsenang ka mmetela di na le bosupi jwa gore ba tlhoka go thusiwa mo go faphegileng.
Mme Lerotsi o tlhalositse fa mabaka a gore ba bitse batsaya karolo le mekgatlho, ke gore ba tle go lebisanya kgang e, gore ba gakololane gore a ba gata sentle kana ba baakanye fa ba fapogileng teng.
O tlhalositse gore le fa ba farologanya ka maphata, ba batla gore ba tsamae tsela e le nngwe fela e ba e dirisang mo kabong ya lefatshe.
E rile a tlhalosa ka tsamaiso e e dirisiwang ke banana go batla lefatshe, Rre Othusitse Olatotse a supa fa monana a tshwanetse a bo a le dingwaga di lesome le borobabobedi go ya go tse di masome mararo le botlhano.
O tlhalositse gore banana ba na le dikgwetlho tsa gore fa ba kopa madi kwa CEDA, go batla gore ba bo ba na le lefatshe, fa ba kabo ditsha bone ba batla bosupi jwa gore monana o filwe madi a go dira kgwebo go kopa setsha mo go faphagileng, se a reng se felela se kgoba banana marapo.
Rre Olatotse o tlhalositse gore ba lephata la banana ba fa banana madi ba sa lebelela gore a ba na le lefatshe, mme fa e le a temo-thuo, banana ba tewa go twe ba ye go ipatlela lefatshe, mme go nne motlhofo gore ba fiwe madi a kgwebo.
Fa ba tswa la bone, phuthego e ne ya kopa gore ba-na-le seabe botlhe ba nne teng mo thuto-puisanyong e, gore go nne motlhofo go tlhaloganya mabaka a botlhe.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/ Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi o ne a supa gore go botlhokwa gore ba boipelego ba nne teng mo thuto-puisanyong eo, ka jaana ba na le dikgang tsa go batlela batlhoki lefatshe.
Modulasetilo o tlhalositse gore go tshwaraganela tiro ga ba-na-le seabe go ka tlhofofatsa sengwe le sengwe ka jaana ba ka kgona go itse seemo sa ba kabo ditsha, le bone ba tlhaloganya gore ba ba faphegileng ba ka thusiwa jang.
Tautona wa lekgotla la Segotja Molelo, Mme Goleba Mokwena, o ne a tlhalosa botlhokwa jwa gore moikopedi a a golaganngwe le ba ba maleba fa a tsene kwa go sa tshwanelang teng go na le go busiwa ka se se ka kgoba moikopedi marapo.
Mme Kgalalelo Laetsang, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore dikopo tse di faphegileng, di nne le mokwalo o o supang gore di faphegile ka goreng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto-puisanyo
Date : 26 Nov 2018




