Temo ya ditlhare e ka fokotsa lehuma
25 Nov 2018
Banni ba Kareng mo Kgaolong ya Nhabe ba kgothaditswe go inaakanya le temo ya ditlhare.
Fa a bua ka letsatsi la temo ya ditlhare la kgaolo le le neng le tshwaretswe kwa Kareng bosheng, Rre Kemonna Keapoletswe o tlhalositse fa kgwebo ya temo ya ditlhare a busetsa ka go supegile mo mafatsheng a mangwe.
Ka jalo Rre Keapoletswe o ne a gwetlha banni ba motse oo go innaakanya le temo ya ditlhare a re gape ke tsela ya go somarela tikologo.
Rre Keapoletswe o tlhalositse fa letsatsi la temo ya ditlhare le tshwarwa ngwaga le ngwaga gore batho ba gokolowe ka mosola wa ditlhare mo tikologong.
A re letsastsi le le seegetswe fa thoko ke lekgotla la ditshachaba go tsibosa kgatlhanong le go remakaka ditlhare le go senya naga.
Ka jalo, o tlhalositse gore letsatsi leo le dirisiwa go rotloetsa batho gore ba tlhokomele ditlhare ba bo ba di leme ditlhare.
Rre Keapoletswe o ne gape a re letsatsi leo mo Botswana le rotloetsa temo ya ditlhare tsa pele tse a reng di botlhokwa mo matshelong a Batswana ka di jewa ke leruo.
O gwetlhile banni bao gore ba dirise le mananeo a puso a a rotloetsang kgwebo ya temo ya ditlhare fa ba sena bokgoni.
Modiri kwa lephateng la Forestry and Range Resources Rre Apiuta Hijamakutu ene o ne a tlhalosa fa letsatsi leo le rotloediwa go buseletsa ditlhare tse di rengwang ka mabaka mangwe a botshelo.
Rre Hijamakutu o tlhalositse gore moono wa letsatsi ke go tsibosa gore batho ba fokotse go rema ditlhare, go tshuba naga le tse dingwe tse di ka bakang manokonoko a phetogo ya loapi. ENDS
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : KARENG
Event : letsatsi la temo ya ditlhare
Date : 25 Nov 2018




