Cosbots e ruta makhanselera
25 Nov 2018
Mogolwane wa kanamiso mafoko kwa Copy Rights Society of Botswana(COSBOTS), Mme Seeletso Lekgaba o kopile makhanselara a Selebi Phikwe go rotloetsa badiragatsi mo dikgaolong tsa bone go kwadisa ditlhamo tsa bone kwa lekgotleng leo.
Mme Lekgaba o buile seo fa a tlhalosetsa makhanselara ka ditirelo tsa lekgotla leo kwa phuthegong e e tsweletse ya khansele ya Selebi Phikwe.
O tlhalositse fa COSBOTS e tlhamilwe ka maikaelelo a go sireletsa ditlhamo tsa beng mo bodiragatsing jaaka diopedi, baboki, bakwadi le tse dingwe, le go bona ditlhamo tsa beng di dirisiwa ka fa molaong.
O boletse fa lekgotla le ikemiseditse go bona gore makalana a kgaso a tshwana le diromamowa, thelebishine a dirisa ditlhamo tsa beng ka fa tshwanelong.
A re makalana a kgaso a tshwanetse go kopa tetla kwa COSBOTS go dirisa ditlhamo tsa beng di tshwana le mmino, poko le bokwadi.
Mme Lekgaba o tlhalositse fa badiragatsi ba tshwanetse go itshetsa ka madi a a tswang mo ditirong tsa bone, a re COSBOTS e itebagantse le go phutha madi ao.
O tlhalositse fa COSBOTS e laola go dirisiwa ga ditlhamo tsa beng ga mmogo le go phutha madi mo makalaneng otlhe a a tsereng tetla ya ga dirisa ditlhamo tsa beng.
A re lekgotla gape le filwe boikarabelo jwa go kgaoganya madi a a phuthilweng mo badirising ba ditlhamo go a neela badiragatsi go ya ka fa ditlhamo tsa bone di dirisiwang ka tseng.
Mme Lekgaba o boleletse makhanselara fa COSBOTS e kgaogantswe ka makalana a mabedi e bong la go ntsha diteseletso le le le kwadisang badiragatsi.
A re COSBOTS e kwadisa ditlhamo tsa beng ba ba leng mo botshelong le ba ba setseng ba tlhokafetse, a tlatsa ka go re masika a ba ba tlhokafetseng ke one a salang ba neelwa madi go ya ka fa go rulagantsweng ka teng.
Mokhanselara wa kgaolo ya Tlhakadiawa Mme Evelyn Kgodingwe o kopile COSBOTS go gagamatsa dikotlhao mo go botlhe ba ba sa saleng molao ya lekgotla morago.
Mokhanselara wa Botshabelo Bophirima, Rre Kago Motsemme o lebogetse thuto e ba e neetsweng ke COSBOTS, mme a solofetsa fa ba tlaa dira gotlhe go bona gore badiragatsi ba kwadisa ditlhamo tsa bone kwa lekgotleng leo.
O boletse fa go tshwenya go bona ditlhamo tsa beng di dirisiwa ntle le tletla ya beng e bile dingwe di tsweletse ka go tuma.
Mokhanselara wa Leseding Mme Phemelo Nthwane ene o ne a kopa gore COSBOTS e gagamatse melao ya ba ba tlaa tshwarwang ba dirisa ditlhamo tsa beng e seng ka fa molaong. A re fa sengwe le sengwe se ka dirwa sentle badiragatsi ba ka itshetsa ka ditlhamo tsa bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : SELEBI-PHIKWE
Event : phuthego
Date : 25 Nov 2018




