Ba kopa go katolosediwa kokelwana
25 Nov 2018
Kgosi Makgabana Tsiane wa Takatokwane o kopile gore motse o katolosediwe kokelwana.
O dirile kopo eo kwa bokopanong jwa botsogo, jo maikaelelo magolo a jone e neng e le go tlhalosetsa ba-na-seabe ka diphetogo tse di kwa kokelwaneng ya Takatokwane.
Kgosi Tsiane o tlhalositse fa ba kile ba solofediwa gore kokelwana eo e tlaa okediwa, mme jaanong go se nko e tswang lemina.
O kopile gape gore fa kokelwana e okediwa, go agwe le matlo a baoki.
Mogolwane wa kokelwana eo, Mme Alice Motshegwa, o ne a tlhalosa fa e rile ngwaga ono o simologa ba rutintshiwa ka go dirisa ditlamelo tse di kabakantsweng, mme morago ba di isa kwa baeteledi peleng ba motse.
O tlhalositse fa ba ne ba golaganya dikomiti tsa motse ka go farologana, dingaka tsa setso, baruti le mapodisi, go ba tlhalosetsa ka tsamaiso e ntsha le diphetogo tse di tlaa bonwang kwa kokelwaneng eo.
O boletse fa ba a fa ditirelo tse di feletseng jaaka tshidilo maikutlo, go itlhatlhoba le go fa melemo mo lefelong le le lengwe, a tlhalosa fa go ne go le bokete fa ba simolola mme ba ne ba tlhofofalediwa dilo ke go tshwaragana le ba BONELA, BOCAIP le ACHAP.
Mme Motshegwa o tlhalositse fa gape ba isa ditlamelo kwa mafelong a tshwana le Tsetseng le Khekhenye le kwa bathong ba ba nnang kwa diromamowa di sa tshwareng teng jaaka Maseru le meraka e e dikologileng Takatokwane.
Mokwaledi mogolo wa lephata la botsogo Mme Ruth Maphorisa, o ne a supa fa e se gantsi badiri ba lephata la botsogo ba buiwa bontle, mme mme a itumelela gore baeteledipele ba ba bua bontle, a re se se supa gore e le ruri ba dira sengwe se se pharologanyo.
Mme Maphorisa o supile gore motho ga a a tshwanela go kanokwa pele ga a fiwa thuso, mme o tshwanetse go thusiwa go lebilwe letlhoko la gagwe ka nako eo.
O akgoletse badiri ba kokelwana ya Takatokwane tiro e ntle e ba e dirang, a bo a ba kopa gore mo legatong le le tlang, ba sekaseke gore bana ba ba iseng ba wetse dingwaga tse tlhano, mme ba tsena sekole, ba latelwe kwa dikoleng go ya go kalelwa teng.
O ba kopile gore fa ba kgaoganya ditiro, ba lebelele gore balwetse ba tla jang kwa kokelong, a supa fa Batswana ba dumela thata mo go direng dilo mo mosong.
Fa a itebaganya le ya ga kgosi, o ne a supa fa katoloso ya kokelwana e santse e le teng, a supa fa lephata le ne le akantse go aga dikokelwana di le lesome le botlhano ka ngwaga, mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi, ba kgona go aga di supa fela.
O tlhalositse fa ba emetse kgaoganyo ya madi a ngwaga e e tlang go bona gore a a tlaa ba letlelela go e dira ka lenaneo la ESP. ENDS
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : bokopano jwa botsogo
Date : 25 Nov 2018




