Breaking News

Batsadi ba lela ka botsamaisi

25 Nov 2018

Batsadi ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongorega ka go tlhoka go okelediwa lebaka la pereko la mogokgo wa sekole seo morago ga gore a ba laele mo phuthegong ya batsadi le barutabana (PTA).

Mogokgo Kooagile Gabonthone o tlaa bo a tlogela tiro fa tumalano ya gagwe le mhiri e tla bokhutlong ngwaga o o tlang.

E rile a bua ko phuthegong ya batsadi le barutabana e a neng a e biditse go tla go lekodisa batsadi ka fa ba tsweletseng ka teng mo sekoleng seo mabapi le tsa thuto, Rre Gabonthone o ne a bolelela fa tumalano ya gagwe le mhiri ya go berekela mo sekoleng seo ya ngwaga tse tharo e tlaa bo e ya bokhutlong ngwaga o o tlang Herikgong a le masome a mabedi le bobedi.

A re pele ga tumelano e fela o ne a kwala a kopa go okelediwa lobaka lwa pereko ka a ne a sa ntse a batla go tswelela a bereka mme o ne a itaya se fololetse ka baeteledipele jwa thuto ba ne ba sa amogele kopo ya gagwe.

E re dikgang di eme jalo, Rre Gabonthone o kaile fa ba solofetse maduo a a itumedisang a mophato wa boraro le wa botlhano morago ga ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa monongwaga.

O ne a lekodisa batsadi gape fa sekole seo jaanong ba se neetswe semmuso ngwaga ono morago ga go godisiwa go amogela mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano go simolola ngogola.

Rre Gabonthone a re baithuti ba sekole seo ba tsabaketse mo dithutong tsa dipalo le maranyane mo dikgaisanyong tsa dikgaolo le gone go tsholeletsa kwa godimo serodumo sa sekole seo mo go tsa poko le metshameko.

O boletse fa palo ya barutabana ba ba berekelang mo sekoleng seo e nametsa ga mmogo le didirisiwa le ntswa go na le barutabana ba ba tlhaelang ba dithuto tsa dikhomputara le tsa kapei.

Le fa go tse jalo o ne a supa fa go solofetsa fa maduo a tlaa tswelela a tokafala.

Fa a bua ka boitsholo le botlhoka tsebe jwa baithuti o kaile fa bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le mo dinakong tse di fetileng.

A re e le barutabana ba ne ba iipha sebaka sa go bua, go kgalemela le go aga baithuti le ntswa go na le matlhesedi fale le fale a go senyetsa ba bangwe.

E rile ba akgela mo mafokong a mogokgo batsadi ba ne gogomoga maikutlo mme ba bua ka lentswe le le lengwe fa ba sa amogele gotlhelele go bo Rre Gabonthone a sa atolosediwa tumelano ka ba ne ba solofetse go le gontsi mo go ene.

Ba re o dirile pharologanyo mo tokafatsong ya maduo le mo kagong ya bana.

Mongwe wa batsadi, Rre Eheletse Gabankalafe, o ne a bua a sa kgwe mathe fa ba sa ntse ba batla Rre Gabonthone a berekela mo sekoleng seo ka ba kgotsofala ka a itomile molomo wa tlase a bereka ka natla ga mmogo le barutabana ba gagwe ka ba itlamile go dira ka gotlhe mo ba ka kgonang go tsholeletsa kwa godimo leina la sekole ka maduo a a kgatlhisang.

Rre Gabankalafe o tlhalositse fa ditiro tsa ga Rre Gabonthone di bonwa ka matlho ke mongwe le mongwe ka a eteletse pele sekole seo ka botswapelo le lorato e bile ba lemogile fa a na le tebelopele e bile maikaelelo a gagwe e le go betlela baithuti bokamoso jo bo siamemg.

Modulasetilo wa PTA, Mme Reginah Mosweu, o ne a lela sa ga Ragele a supa fa le bone e le komiti ba utlwisitswe botlhoko ke gore mogokgo o kgaogana le bone a bolela fa e le motho yo o botlhokwa yo matlho otlhe a neng a lebile kwa go ene.

Mme Mosweu o ne a kopa batsadi go tshwaragana ka go bua ka lentswe le le lengwe go ikuela mo boteledipeleng jwa kgaolo eo mme fa ba sa kgotsofale ba tlaa tswelela ba ikuela go fitlhelela ba bona phetolo e e utlwalang ya go okelediwa lebaka la konteraka ya mogokgo ka a le mosola mo sekoleng seo.

Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Rre Nkatlholang Simane, mo mafokong a gagwe a tebogo o ne a gakolola batsadi le komiti ya PTA go ema ka dinao mabapi le kgang ya mogokgo ka go tswa ka maano a go ikuela go bona tharabololo ya one mo go ba ba lebaneng.

Rre Simane o ne a supa fa makhanselara a Kgalagadi le bone ba le kgatlhanong le go tlhoka go okelediwa lobaka lwa pereko lwa mogokgo. ENDS

Source : BOPA

Author : Cathrine Shimane

Location : TSABONG

Event : phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 25 Nov 2018