Koporase ya Otse e tshwere ka thata
25 Nov 2018
E re ka go rotloediwa dikgwebo tsa dikoporase go tlhama mebereko go imolola puso morwalo, bangwe Batswana ba utlule mokgosi, mme ba ititaya sehuba go supa fa dikoporase di ka nowa moro.
Mo loetong kwa Otse mo kgaolong ya Legare bosheng, BOPA ene ya buisanya le mogolwane wa koporase ya Mmogo Re Ka Dira, Mme Motshegetsi Maakelo yo o tlhalositseng fa koporase ya bone e butse lebentlele le le rekisang dijo le didirisiwa ka go farologana.
O ne a tlhalosa fa koporase e na le maloko a le lesome le botlhano, bomme ba le lesome le boraro le borre ba le babedi.
Mme Maakelo a re ba simolotse go kopanela mogopolo ka 2013, mme ba kgona go dira setlankana, a tlhalosa fa ba ne ba tswa le ka megopolo e e farologanyeng ya go kokoanya madi, mme ba simolola go koleka P50 leloko.
A re ba ne ba sekaseka kgwebo e e ka nnang bogadi bo gaufi mo motseng, mme ba tsaya tshwetso ya go simolola ka lebentlele la dijo.
O ne a tlhalosa fa e rile ngogola ka Ngwanatsele, lekalana la CEDA la ba thusa ka P227 870 go simolola lebentlele, mme ya re monongwaga Mopitlo a ya fifing ba simolola kgwebo.
Mme Maakelo a re batho ba Otse le metse e e mabapi jaaka Lephepe ba ba amogetse ka oo-mabedi, ka ba reka mo lebentleleng la bone, selo se a reng se ba tiisa moko.
O ne a supa fa koporase ya bone e le ya ntlha go bona dithuso tsa madi go tswa kwa CEDA, a tlatsa ka go re e ne ya re ka Phukwi ba simolola go nna ba ntsha bontlha bongwe go duela sekoloto sa bone.
A re koporase e tlhoka bopelotelele le maitlamo mo go tsweleleng ka jalo go botlhokwa gore maloko otlhe a bo a itlamile go emelelana le dikgwetlho.
O boletse fa popagano le go dira mmogo go le botlhokwa mo koporaseng, a tlatsa ka go re jaaka kgwebo nngwe le nngwe, koporase e ka godisiwa ke tsamaiso e e nitameng e sena dibelebejene.
Mme Maakelo a re ba thusiwa ke ofisi ya bogakolodi kwa Mahalapye go rarabolola dikgang tsa bone, ga mmogo le ka boitseanape jwa go tsamaisa kgwebo.
O supile fa mo nakong eno, maloko otlhe a dira e le baithaopi, ka lemmenyana le ba le bonang e santse e le la go reka molora ka maikaelelo a bone a magolo e le go busa madi a CEDA.
Fa a bua ka dikgwetlho tse di ba lebaneng, Mme Maakelo o ntshitse selelo sa go thubelwa, a kaya fa lebentlele le setse le thubilwe makgetho a le mabedi fa e sa le ka Phatwe.
O supile fa lantlha magodu a ne a thuntsha mabolokelo, mme P24 000 a senyega ka a ne a tshelegelwa ke pente.
Mme Maakelo o kaile fa magodu a ne a tsaya dikukisi, motsoko le dikhondomo.
A re mo kgweding eno, mangwe magodu a ne a tshwarwa a leka go utswa, a supa fa ba ne ba kgaotse terata ya lebentlele kwa morago.
O ne a supa gape fa ba tlhoka kemo-nokeng ya khansele ya legare mo go phakiseng dijo tsa batlhoki, a re seo se ka thusa go godisa kgwebo ya bone.
A re maikaelelo a bone ke go atolosa kgwebo ka go dira tse dingwe tse di ka direlang koporase madi. ENDS
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : OTSE
Event : Potsolotso
Date : 25 Nov 2018




