Breaking News

Dimpisi o itshetsa ka go kgabisa dinala

22 Nov 2018

Mme Matlhogonolo Dimpisi wa Selebi Phikwe ke mongwe wa banana ba ba itshetsang ka talente.

Ene o inaakantse le go kgabisa dinala le go sidila mmele. Mme Dimpisi wa dingwaga tse  masome a mararo le bongwe o tlhalositse fa a ithutetse go kgabisa dinala kwa sekoleng sa Planet Nails kwa Francistown ka ngwaga wa 2010. A re morago ga moo, o berekile ngwaga le sephatlo go anya botsipa mme a bona go le botoka go ipulela kgwebo e a e biditseng Shampies Beauty and Wellness Centre.

Mme Dimpisi a re o ne a kopa go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2012 mme mo kgweding tse pedi a bo a bona phetogo ka a ne a bonye thuso ya dithoto tse di lopileng P32 000. A re ka Selebi Phikwe a lebanwe ke kgwetlho ya kwelo tlase ya itsholelo, se se amile kgwebo ya gagwe mme ka a na le lerato mo go yone, ga a ke a kgobege marapo.

“Gore kgwebo yame e bo e itshetletse ke a e bolokela e bile e na le dibuka tsa madi mme seo se nthusa go itse gore ke ka dira jang gore e seka ya wela ka mosima. 

Ke tsene ditshupo le go dirisa maranyane a facebook go ipapatsa,” Mme Dimpisi a tlhalosa. 

Ditlamelo tse motho a ka di bonang di akaretsa go sidila mmele, go tlhatswa sefatlhego, go kgabisa dinala tsa mabogo le maoto le go baakanyetsa dintshi.Mme Dimpisi o kopile banana go emela dikgwebo tsa bone ka dinao go itsa go tshela madi a puso ka motlhobodika. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsolotso

Date : 22 Nov 2018