Breaking News

Dikomiti tsa ditlhabololo di tlhoka thotloetso

22 Nov 2018

Moeteledipele wa lephata la ditlhabololo tsa selegae kwa khanselelng ya legare, Mme Josephine Kgolagano, o ikuetse mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi le dikgwebo go ema nokeng dikomiti tsa ditlhabololo.

O buile jalo mo potsolostong morago ga bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa dikomiti tsa ditlhabololo kwa Palapye bosheng, 

Mme Kgolagano a re tiro ya dikomiti tse ke ya boithaopo, ka jalo ba bone go le botoka go direla maloko moletlo wa kabo dimpho a go ba rotloetsa.

“Ke ka moo re kopang maphata ka go farologana le dikhamphani le dikgwebo go tsenya letsogo, ka jaana re ka kgona go abela dikomiti tse di dirileng ka bokgabane dimpho tse di botoka mme ra ba tiisa moko mo boithapong jo ba bo direlang metse ya bone le lefatshe ka kakaretso,” ga bolela Mme Kgolagano.  

O ne a tlhalosa fa dikomiti tse e le tsone pinagare ya ditlhabololo tsa metse ka jaana di itebagantse le morafe ebile ele tsone di itseng botlhoki jwa metse.

A re keletso ya khansele ke go bona dikomiti tse di gola ke kamoo ba eletsang gore ba ka tshwaragana le maphata a mangwe a a ikemetseng mme ba ema nokeng dikomiti tse.

Mme Kgolaganosupa a re mo dingwageng tse di tlang ba eletsa go godisa modiro wa kabo dietsele go bontsha dikomiti botlhokwa jwa tsone mo setshabeng. 

O ne gape a supa fa mo motseng o o golang jaaka Palapye ba solofela kemo nokeng ka jaana ditlhabololo di tla di le matsorotsoro mo motseng.

“Rotlhe re tshwanetse ra tsenya letsogo mo go thuseng dikomiti tsa ditlhabololo ka jaana seo e tlaabo ele sesupo sa boikarabelo jwa dikhamphani tse di ikemetseng ebile e tlaabo e le sone seabe sa tsone mo go tlhabololeng lefatshe,” ga tlhalosa jalo Mme Kgolagano.

O ne a akgolela khamphani ya World Bazaar go tsenya letsogo mo kabong dimpho ya monongwaga a re seabe sa yone se dirile diphetogo tse dikgolo.

World Bazaar e ntshitse P1 850 go reka dietsele tsa monongwaga tsa ba ba gaisitseng.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa madirelo a World Bazaar, Rre Mohamed Siraj o ne a akgola dikomiti tsa ditlhabololo go bo di tsweletse ka go tshwara ka thata mo kgodisong ya dithabololo tsa metse lentswa go sena letseno lepe le le kalo le ba le bonang ka jaana ba atswiwa ka P320 fela ka kgwedi. Rre Siraj a re boithaopo ke mogopolo o montle ebile dikomiti tsa ditlhabololo ga di a tshwanela go tseelwa kwa tlase ka jaana seabe sa tsone se bonala. 

Monongwaga bafenyi e nnile komiti ya ditlhabololo ya kgotla Boikago kwa Palapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : potsolotso

Date : 22 Nov 2018