Banana ba iphataphatela ka thekiso ya dinawa
22 Nov 2018
E re ka gotwe phokoje go tshela yo dithetsenyana, banana ba le babedi kwa Molepolole ba ikiteile sehuba go ikinola mo lehumeng ka go rekisa ditloo le dinawa tse di apeilweng.
Bobedi joo, Fanwell Masenkane wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe le Rre Benjamin Kgositladi wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro ba boletse mo potsolotsong fa ba kopane kwa kerekeng, mme ka maano a sa site ba tswa ka maano a go itshetsa.
Ba ne ba tlelwa ke kakanyo ya go rekisa dinawa le ditloo.
Ba tlhalositse fa ba ikgethetse go rekisa dijo tseo morago ga go lemoga fa go na le mmaraka, mme e bile ba supa fa dijo tsa Setswana di ratega thata.
Rre Kgositladi o ne a supa fa kgwebo ya bone ya go tsamaya ba rekisa dinawa le ditloo e simologile kgwedi ya Hirikgong monongwaga, mme a kaya fa e dira sentle.
O gateletse fa morafe o ba amogetse fela sentle, a supa fa ba rekisetsa mongwe le mongwe mo motseng segolo jang kwa madirelong.
A re fa e sa le ba simolola kgwebo eo ya bone, ba setse ba kgona go itirela tsotlhe tse ba ditlhokang ba sa ikaega ka batsadi, mme e bile ba setse ba itse go ikakanyetsa ka tsa botshelo.
Rre Kgositladi a re ba reka dinawa mo baleming fa ditloo tsone ba na le mme mongwe yo ba di rekang mo go ene.
Bobedi joo, bo ne jwa supa gore ntswa kgwebo e dira sentle, go na le dikgwetlho tse di ba lebaneng jaaka go tlhoka lefelo le ba ka direlang mo go lone, ka ba santse ba direla kwa ba nnang teng.
Ba bile ba gatelela fa seemo sa loapi se ba baya ka fa mosing, ka jaana ka nako tsa dipula le mogote o montsi ba palelwa ke go tsamaya ba rekisa.
Mme le fa go ntse jalo, ba gateletse fa ba ikiteile sehuba go dira ka natla go bona gore kgwebo ya bone e tswelela e dira sentle.
Ba supile fa ba batla go ya go tsenya kopo ya go thusiwa ka madi ka lenaneo la banana la Youth Development Fund.
Ba re toro ya bone ke go atolosa kgwebo ya bone go nna e tona e itebagantseng le go apaya dijo tsa Setswana ka go farologana.
Ba gakolotse banana go dirisa ditalente tse ba nang le tsone go dira sengwe se se ka ba tshetsang ka jaana letlhoko la ditiro le santse le apesitse banana kobo la letshoba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepang Segola
Location : MOLEPOLOLE
Event : potsolotso
Date : 22 Nov 2018




