Breaking News

Banni ga ba robadiwe ke lebala

22 Nov 2018

 Banni ba Hukuntsi ba kopile gore lebala la difofane kwa motseng oo le fudusiwe ka jaana le le fa gare ga motse.

Ba buile jalo ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mokwaledi wa lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Kabelo Ebineng, fa lephata leo le isitse ditirelo tsa malatsi a mararo kwa Hukuntsi.

Mongwe wa banni, Mme Tsholofelo Gaole, o tlhalositse fa go le lebaka ba ntse ba buisana le bogogi jwa motse ka phudiso ya lebala leo, mme go se nko e e tswang lemina.

O tlhalositse fa bontsi jwa banni ba dirisa lebala leo go kgabaganyetsa ka kwa ntlheng e nngwe ya motse ka jaana e le yone tsela fela e e khutshwane go ralala motse.

A re lebala leo le mo seemong se se sa itumediseng ka jaana, go sena dipone mo go lone, mme se, se baya matshelo a balwetse mo diphatseng ka jaana, fa go ka nna le seemo sa tshoganetso bosigo sa gore molwetse a ragogesediwe kwa dipateleng tse dikgolwane ka sefofane, go tlile go nna boima go bona thuso ya potlako ka ntlha ya go tlhoka dipone.

Mme Gaole a re tebego ya lebala le tikologo ya teng ga se e e itumedisang ka jaana le sa tlhokomelwe sentle.

Mme Kegomoditswe Mmesetse yo le ene eleng monni wa Hukuntsi, o ne a itsise mokwaledi gore ba sale tlhoile tsebe ka tekodiso ya go tshelelwa sekonotere mo ditseleng tse di gokaganyang Lokgwabe-Mabuasehube, le ya Hukuntsi-Ncojane.

Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi ene o ne a lebogela mokwaledi wa lephata go bo a ba atumeleditse ditirelo, a supa fa go le botlhokwa gore maphata a nne a etela mafelo ka go farologana segolo bogolo a a kgakala le ditlamelo.

A re go etela mafelo ka go farologana, go tla a thusa lephata go itshekatsheka go bona gore ba tlhaela fa kae ka ditirelo tsa bone, mme ka dipuisanyo le banni ba fete ba kgone go fetola ditirelo dingwe go nna tsa boleng jo bo eletswang ke batho. 

Fa a tswa la gagwe, Rre Ebineng, o ne a tlhalosa fa kgang ya phuduso ya lebala la difofane e le teng, mme ka maswabi kago ya lebala le le sha ga e tlhagelele mo lenaneong la ditlhabololo.

O supile fa tiego ya kago ya lebala le lesha e le ka ntlha ya tlhaelo ya madi, a tlatsa ka gore kago eo, e tlaa lopa puso P10 million.

Rre Ebineng o supile fa lekana la Civil Aviation Authority of Botswana (CAAB) le le mo thulaganyong ya go dira lebala la boleng jo bo rileng le le tla a kgonang go gokaganngwa le borannyane jo bo laolang difofane mo lefaufung.

O supile fa CAAB e dira maiteko a go gagamatsa tsa itshireletso ka jaana bangwe ba tswa kwa mafatsheng a sele ba tsena mo lefatsheng leno kwa ntle ga teseletso, mme ba felele ba dira ditiro tsa borukutlhi mo mabaleng a a sa senang boranyane jwa taolo mesepele ya difofane.

O ne a tlatsa ka gore kago ya ditsela tsa Hukuntsi-Ncojane le Lokgwabe-Mabuasehube e sena thulaganyo e e tsepameng. 

Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha baeteledipele ba motse go ba ema nokeng ka dinako tsotlhe fa go na le ditiro dingwe tse lephata la bone. 

A re lephata le lemogile gore bogogi jwa motse le ba-na-le seabe ba bangwe ba ntse ba kgapetswe ntle fa go dirwa ditiro dingwe mo metseng ya bone.

Ka jalo, a re seo se fetotswe ka jaana lephata le ikemeseditse go ntsha ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo, ka jalo ba itlamile go tshwaragana le bogogi jwa morafe mo ditirong tsa bone.

Rre Ebineng o ne gape a ba gwetlha go dirisanya le bo radikonteraka segolo bogolo ka nako ya fa malwapa mangwe a tshwanelwa ke go sutela ditlhabololo dingwe tse di dirwang mo metseng.

A re seemo seo, ke sengwe se o fitlhelang se baka tiego ya gore dikompone di simolole ditiro ka nako e ba e neetsweng, a re mme ebile seo se felela se dira gore tiro e seka ya wela mo lobakeng le e le beetsweng, a tlatsa ka gore le seelo sa madi a a neng a ntsheditswe tiro eo a felela a oketsega.

O ne a ba tsibosa gore koketsego ya madi a ga rakonteraka go wetsa tiro e babalela puso ka jaana, madi a motlalaletsa a ka bo a fetiseditswe kwa tirong e nngwe go atolosa ditlhabololo. BOKHUTLO

 

 

Source : Banni ga ba robatswe ke lebala

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 22 Nov 2018