Letsholo la Kgomokhumo le tsweletse ka go upolola tshenyo
22 Nov 2018
Mapodisi a tshwere banna ba le babedi fa ba bangwe ba bararo ba tsene ka lenga la seloko morago ga go fitlhelwa ka dinama tsa dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu.
Moanamisa mafoko wa mapodisi a Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re babelaelwa ba tshwerwe maabane kwa masimong a Maologane kwa kgaolong ya Borwa. O boletse fa mapodisi a ne a longwa tsebe ke komiti ya balemi barui ya masimo ao.
A re mapodisi a fitlhetse babelaelwa ba thinkgetse ba bua dikgomo tseo. E rile ba bona segopa sa komiti se ba atumela ka go belaela gore ba a senya, ba bararo ba le botsa phokoje fa ka lesego ba bedi ba tshwarwa, ga tlhalosa Rre Motube.
Rre Motube o boletse fa ba tshwere ba belaelwa ebong Rre Johannes Kefitile wa dingwana tse masome mararo le bongwe wa kgotla ya Gomodutwa kwa Kanye le Rre Kabelo Nkaunyana yo ene a leng dingwaga tse masome a mararo le bone yoo itsegeng thata ka leina la Selailai wa kgotla ya Mahikana kwa Kanye.
O tlhalositse fa babelaelwa ba santse ba na le dikgang tse dingwe tsa bogodu ja leruo tse di santseng di ba emetse kwa kgotleng ya ga mmakaseterata.
A re bobedi jo ke bangwe ba batho ba ba ipopileng setlhopha go utswa leruo.
Rre Motube o kgothaditse barui go tlhokomela dikgomo tsa bone le go itse palo le mebala ya tsone ka kakaretso.
O tlhalositse fa barui ba setse ba kgobegile marapo ke magodu a sa bolong go ba senyetsa mme go sena nko ee tswang lemina.
O boletse fa magodu gantsi ba rekisetsa bo mmelara kwa Lobatse, Kanye, Mogoditshane le Gaborone, mme a bolela fa le bone bareki ba, batla di gama ba sa ditlhapela.
O kopile barui go ikopanya le go bereka le mapodisi go laola seemo sa bogodu. A re leruo ke lone Motswana a itshetsang ka lone.
Le fa gontse jalo maloko a komiti ya masimo a Maisane le masimo a mangwe a bone gole botoka go aga setlhopha sa barui se se tla nnang matlho a mapodisi mo go begeng ba ba senyang.
Komiti e ya: Ga le bolo go ja lele nosi, e agilwe ke setlhopha sa barui.
Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Rebaone Motswagoleele, o tlhalositse mo potsolosong fa ba agile komiti morago ga gore ba bone leruo la bone le nyelela ka bontsi.
O boletse fa ba na le dikgoreletsi ka gore bangwe ba maloko a bone ba diiwa ke nnotagi fa bangwe ba ikgogela morago.
Rre Motswagoleele kopile barui go nna ngata nngwe go lwantsha seemo. A re barui ba lela sa ga Ragele ke go utswelwa.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse ditsweletse go tshwara ba ba siileng, mme tsholofelo ke go ba bona ka gore ba a itsiwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAISANE
Event : potsolotso
Date : 22 Nov 2018




